“A a Tswang Melomong ya Banyana”
Mosadi mongwe go tswa kwa Ballito kwa Natal mo Afrika Borwa, o ne a tlhalosa fa a itumelela buka ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela a bo a kwala jaana:
“Ke na le motlogoloake, Rudi Naidoo, yo o nang le ngwaga e le nngwe le halofo fela, mme o kgona go bitsa leina la motho mongwe le mongwe yo o mo bukeng ka go leba setshwantsho fela. Tota e bile o ka go tlhalosetsa le se mongwe le mongwe wa baanelwa ba Baebele a se dirang mo setshwantshong. Ka sekai, polelo ya 11 e supa Noa a dira setlhabelo. Rudi o re bolelela jaana, ‘Noa—rapela Jehofa.’
“Fa a bodiwa gore Jošua o dirang mo polelong ya 49, Rudi o ema ka tsela e Jošua a emeng ka yone mo setshwantshong a bo a re, ‘Letsatsi ema tsi!’ Ga a kgone go bitsa mafoko sentle mme gone o tlhalosa dilo ka tsela e e monate e e tshegisang.
“Gape ke rata go lo lebogela kgatiso eno ya lona e e molemo. Bana ba bannye ba kgona go tlotla ka dilo tse bagolo bangwe ba sa di itseng. Ruri mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 21:16 a boammaaruri tota: ‘O lekantse pako ka a a tswang melomong ya banyana, le ba ba anyang.’”
Fa e le gore o ka rata go utlwa tshedimosetso e e oketsegileng ya gore o ka amogela jang Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela kana o ka rata gore mongwe a go etele mo legaeng la gago go tla go tlotla le wena kaga botlhokwa jwa thuto ya Baebele mo botshelong jwa gago, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa go nngwe ya diaterese tse di tshwanetseng tse di mo tsebeng ya 5.