Bontsi bo Tshelela le go Swela mo Lehumeng le le Botlhoko!
YATI o tloga kwa takaneng ya gagwe kwa nageng nngwe e e kwa borwabotlhaba jwa Asia a ya kwa feketiring eo a rokang matlalo le megala ya ditlhako kwa go yone. Mo kgweding—diura di le 40 beke nngwe le nngwe le diura di le 90 tse a di berekang go feta nako e e tlwaelegileng—o berekela madi a a kafa tlase ga R300. Khampani ya ditlhako e a berekang kwa go yone e ipolela ka boipelafatso gore e tseela ditshwanelo tsa batho kwa godimo mo dinageng tse di iseng di tlhabologe. Kwa dinageng tsa Bophirima, khampani eno e rekisa para e le nngwe ya ditlhako madi a a fetang R215. Gongwe o duelwa R5 fela mo mading ao.
Fa Yati a tloga kwa “feketiring eno e e phepa e e nang le dipone o tshotse fela madi a a lekaneng rente ya takana ya dimetara tse 3 ka bophara le 3,6 ka boleele, ya dipota tse di leswe tse di sailang mekgatitswane. Ga go na fanitšhara, ka jalo Yati le ba bangwe ba babedi ba a nnang nabo ba ikhuna fela mo boalong joo jwa mmu,” go bolela jalo pego ya Boston Globe. Boemo jono jwa gagwe jo bo utlwisang botlhoko bo tshwana le jwa ba bangwe ba bantsi.
“A batho bano ga ba bone sengwe se se molemo mo go nna?” go bolela jalo mookamedi wa lekgotla la kgwebo eo. “Madinyana a ba a bonang a dira gore ba tshele botokanyana. Ba ka tswa ba sa tshele botshelo jwa manobonobo mme gone ga ba bolawe ke tlala.” Lefa go ntse jalo, gantsi mebele ya bone ga e bone dikotla tse di lekaneng le bana ba bone ba robala ka tlala. Ba bereka letsatsi le letsatsi mo mafelong a a kotsi. Mme bontsi jwa bone bo ntse bo koafala mo bo tla swang ka ntlha ya go dira ka dilo tse di botlhole. A seo ke “botshelo jo bo botokanyana”?
Hari, modiri wa dipolasi kwa borwa jwa Asia o leba dilo ka tsela e e farologaneng. O ne a kgabisa mafoko e bile a boka fa a ne a bua ka modikologo o o utlwisang botlhoko wa go tshela le go swa. O ne a re: “Fa e setlwa ka motshe mo kikeng, tšhilisi ga e nne sebaka. Rona bahumanegi re tshwana le tšhilisi—re setliwa ngwaga le ngwaga, mme go ise go e kae re tla bo re seyo.” Hari ga a ise a ko a “tshele botshelo jo bo botokanyana,” kana gone go lora a nna mo manobonobong a gongwe bathapi ba gagwe ba neng ba tshelela mo go one. Malatsi a sekae morago ga foo, ke fa Hari a tlhokafala—le ene a bolailwe ke lehuma le le botlhoko.
Go na le bontsintsi jwa batho ba ba tshelang le ba ba swang fela jaaka Hari. Ba dira jalo ka kutlobotlhoko, ba le bokoa thata gore ba ka gana go berekisiwa jalo ka tsela e e ba tlogelang ba sena nonofo gotlhelele. Ba berekisiwa ke mang? Ke batho ba mofuta mang ba ba ka dirang jaana? Ba lebega ba le molemo thata. Ba bolela gore ba batla go fepa lesea la gago, ba thuse gore dijalo tsa gago di gole, ba tokafatse botshelo jwa gago, ba go humise. Mme gone, ke bone ba ba batlang go ikhumisa. Go na le dilwana tse di rekisiwang, merokotso e ba e bonang. Ga ba tshwenngwe ke gore bogagapa jwa bone bo dira gore go nne le bana ba ba fepelwang kwa tlase, badiri ba ba tsenweng ke botlhole le tikologo e e kgotletsweng. Dikhampani tseno di tlogela go ntse jaana ka ntlha ya bogagapa jwa tsone. Ka jalo, fa merokotso ya bone e ntse e oketsega, dipalo tse di utlwisang botlhoko tsa ba ba swang di ntse di oketsega le tsone.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
U.N. Photo 156200/John Isaac