LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 5/8 ts. 12
  • Setopo se se Omeleditsweng ke Serame

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Setopo se se Omeleditsweng ke Serame
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lesedinyana ka Masaitseweng a ga Raserame
    Tsogang!—1995
  • Go Sekaseka Botshelo le Lefelo la ga Raserame
    Tsogang!—1995
  • Dikepe Tse di Maatla Tse di Siametseng go Thusa
    Tsogang!—2002
  • Go Omisa Setopo—A go Siame mo Bakereseteng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Tsogang!—1995
g95 5/8 ts. 12

Setopo se se Omeleditsweng ke Serame

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA ITALY

Fa o se gadima la ntlha fela o ne o ka re ke motho a sa tswa go bolawa. Setopo se se ngangaretseng se rapaletse ka sefatlhego karolo e nngwe ya sone e tshwerwe ke kapoko. A o sule mo kotsing? A mongwe o mmolaile a ipusolosetsa? Kgotsa a ke mongwe wa bapalamadithaba yo o swetseng foo? Mme gone motho yono o ne a dirang kgakalakgakala koo mo thabeng eo ya Alps ya Tirol e e dimmetara tse 3 200 kwa godimo ga boalo jwa lewatle? E ne e le mang? O bolailwe ke eng?

KA September 1991 banyalani bangwe ba Bajeremane ba ba neng ba pagama Thaba ya Similaun (kwa Alps ya Ötztal) fa melelwaneng ya Austria le Italy, ba ne ba tshogana ba bona monna yono yo ka bonako fela a neng a bidiwa “Raserame” kgotsa Homo tyrolensis, jaaka borasaense ba mmitsa. Selemo se se mogote thata sa ngwaga oo se ne se gakolositse bontsi jwa kapoko ya teng mo go neng ga senola selo seno se se neng se ka bo se subegile—ke mang yo o itseng gore se ne se tla nna se subegile jalo lobaka lo lo kae? Fa babatlisisi ba sena go tlosa dipelaelo tse di neng di le teng kwa tshimologong ka setopo seno, ba ne ba se epolola go tswa mo kapokong ba tla ba se gobatsa fa ba ntse ba se epolola jalo. Lefa go ntse jalo, go ise go ye kae go ne ga lemotshega gore e ne e se setopo fela se se tlwaelegileng. Gaufi le setopo seno go ne go na le dilo di le mmalwa tse di neng di farologane gotlhelele le tse di dirisiwang ke bapagamadithaba ba segompieno bao ba ratang go palamela kwa godimodimo jalo.

Bangwe ba ne ba lemoga gore setopo seo e ne e le sa bogologolo tota. Morago ga gore Konrad Spindler, wa Yunibesithi ya Innsbruck kwa Austria a se tlhatlhobe la ntlha, o ne a bua mafoko a a neng a gakgamatsa a gore—setopo se se fitlhetsweng se omeleditswe ke serame kwa Thabeng ya Similaun se ne se na le dingwaga di le diketekete di sekae se le foo! Ditlhatlhobo le dipatlisiso tse di oketsegileng tse di neng tsa dirwa kwa lefelong le se fitlhetsweng kwa go lone di ne tsa dira gore bakanoki ba swetse ka gore ba ne ba sekaseka setopo “sa motho wa bogologolo go gaisa tsotlhe tse di ileng tsa bonwa di feletse.” (Time, October 26, 1992) Baithutamarope ba dumela gore Raserame yono, yo o neng a retiwa ka gore ke Ötzi (go tswa go Ötztal, leina la Sejeremane la mokgatšha o o fa gaufi), o sule mo e ka nnang ka 3000 B.C.E.

Morago ga gore baithutamarope ba lemoge kafa selo seno se se ribolotsweng se leng botlhokwa ka teng, ba ne ba boela makgetlho a sekae kwa Thabeng ya Similaun go ya go batla dilo tse dingwe gape tse di neng di ka ba thusa go bona gore ke eng se se neng se diragaletse monna yono makgolokgolo a a kalo a dingwaga a a fetileng. Ba ne ba bona eng? Ke eng fa go ilwe ga kgatlhegelwa setopo seno se se neng se omeletse se fitlhegile mo kapokong? A ba ile ba kgona go rarabolola masaitseweng ano a a amanang le ene?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Raserame, Ötzi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Foto: Archiv Österreichischer Alpenverein/Innsbruck, S.N.S. Pressebild GmbH

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela