Letlha Le o Sa Tshwanelang go le Lebala
Mo maitsiboeng a pele ga a swa, Jesu o ne a ja senkgwe se se sa bedisiwang le go nwa kopi ya beine le barutwa ga bagwe a bo a re: “Dirang mo, lo nkgopole ka gone.”—Luke 22:19.
Monongwaga letsatsi la tiragalo eno e tla nna fa letsatsi le sena go phirima ka Labotlhano April 14. Ka ntlha ya taelo ya ga Jesu, dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa le batho ba ba kgatlhegang lefatshe ka bophara ba tla kgobokana mo go jone bosigo joo jo bo kgethegileng go keteka Segopotso seno ka tsela e Jesu a neng a laela gore se dirwe ka yone. Re go laletsa ka peloyotlhe gore o tle go kgobokanela seno le rona. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona gore ba tla tshwara pokano eno ka nako efe le kwa lefelong lefe.