LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 4/8 ts. 15-17
  • Go Sekaseka Kwena Sentle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Sekaseka Kwena Sentle
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lotlhaa Lwa Kwena
    Tsogang!—2015
  • Go Ithutela Baebele mo Teng ga Zuu!
    Tsogang!—1996
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2005
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2009
Tsogang!—1995
g95 4/8 ts. 15-17

Go Sekaseka Kwena Sentle

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA KENYA

MOJANALA wa Moamerika o ne a ntse a tsaya dikubu ditshwantsho a le matlhagatlhaga fa Nokeng ya Mara fa a ne a relela mo matlapeng a bo a wela mo teng. Seno se ne sa bonwa ke sebatana sengwe sa mmele o o magwata se se neng se ntse se arametse letsatsi ka nako eo, e leng kwena. Le mororo segagabi seno gantsi se ijela ditlhapi, e ne ya re go bona namanyana e e monate eo sa se ka sa kgona go itshoka. Se ne sa lelemela ka bonako mo metsing go ya go batlisisa. Ka lesego, mojanala yono o ne a bona kwena eno e tla e mo lebile me a tswa mo nokeng—ka bofefo jo e neng e kete o tsamaya mo godimo ga metsi!

Batho ba ba etelang dinoka, matsha, le maraga a Afrika gantsi ba bona dikwena, le mororo mo mojanaleng yo o setseng a umakilwe yono yo a neng a tshogile, maloba e batlile go nna maabane. Kwena ya Nile e fitlhelwa kwa Kenya. Ka puo ya lefelo leo ya Seswahili e bidiwa mamba. Dikwena ke digagabi tse di kgonang go tsamaya mo lefatsheng le mo metsing motlhofo fela mme di kgona go gola go nna boleele jwa dimetara di le supa. Di kgona go shapa ka bonako tota ka ntlha ya mogatla wa tsone o o sephaphathi, o o tshwanang le sefetlhamokoro. Di kgona go shapa ka lobelo lwa dikilometara di le 40 ka ura! E bile di kgona go nna kafa tlase ga metsi ka diura tse pedi, le eleng tse tharo. Fa di le mo lefatsheng di ka taboga ka lobelo lo logolo dikgalanyana tse dikhutshwane.

Ga go gakgamatse go bo Baebele e bolela gore kwena ke sekai sa popo ya Modimo e e boifisang thata e e bidiwang Lefiathane. Jobe 41:8, 10 e bolela jaana: “Baya seatla sa gago mo go yone [Lefiathane]; o gakologelwe go loma ga yone, mme ga o ketla o tlhola o dira jalo. . . . Ga go na ope yo o pelokgale ya go e kgotla.” A tlhagiso e e botlhale eleruri! Go ya ka buka ya The Fascination of Reptiles, e e kwadilweng ke Maurice Richardson, dikwena di a tle di tlhasele le mekorwana e e nang le dienjene! Jobe 41:25 e bolela sentle fa e re: “Fa e itsholetsa, ba ba thata ba boife, ba tlhakane tlhogo ka ntlha ya go tlakasela.”

Ke eng fa batho ba sia ka poifo fa ba bona sebatana seno se se matlotlobo? Temana ya 14 e tlhalosa lebaka le lengwe: “E mang yo o ka bulang ditswalo tsa sefatlhogo sa yone? Meno a yone a dikologilwe ke therego.” Lotlhaa longwe le longwe lwa kwena, lo lo kwa godimo le lo lo kwa tlase, lo na le meno a a ka nnang 24 a a sa lekaneng, a go tlhogang a mangwe fa e ntse e tshela. Se se kgatlhang ke gore leino la bonè mo lotlhaeng lo lo kwa tlase lwa kwena lo tsena mo phatlheng e e ka kwantle ga molomo mo lotlhaeng lo lo kwa godimo e bile o ka le bona sentle fela le fa e tswetse ditlhaa. Seno se thusa go e tlhaola mo go ntsalaayone, yo o bidiwang alligator. Bothata ke gore fa o ka atamela gaufi thata o batla go sekaseka meno a yone, o ka iphitlhela o sekaseka meno otlhe a yone o le mo teng ga legano la yone!

Ke gone ka moo o ka bonang go le botoka go leba kwena sentle o le kgakajana, e bile go na le mafelo a le mmalwa kwa Kenya a o ka dirang seo o le kwa go one. Ka sekai, Motse wa Mamba, ke lefelo lengwe kwa Mombasa koo dikwena di godisediwang teng.

O ka nna wa botsa jaana: ‘Gone mme ke ka ntlha yang fa motho a ka batla go rua dikwena?’ Selo sa botlhokwa ke go di boloka gore di se ka tsa nyelela. Fa di le kwa nageng go na le bodiphatsa jwa gore di ka swa ka 99 lekgolong mo ngwageng wa tsone wa ntlha fela. Bogopane, bokokolofute le batho bangwe, ba rata go ja mae a dikwena le dikwenanyana tse di sa tswang go thuthuga mo maeng. Lefa go ntse jalo, bodiphatsa jo bo ka tlhagelang kwena e e tlhokomelwang sentle bo fokotsega go ya go kwa tlase ga 10 lekgolong. Mo lobakeng lwa ngwaga fela, dikwenanyana tse dinnye di gola go fitlha mo boleeleng jwa mmetara o le mongwe le sephatlo—e setse e godile sentle mo e ka kgonang go itshireletsa. Go ka tsaya kwena e e ikgolelang fela kwa nageng dingwaga tse di ka nnang tharo gore e fitlhelele bogolo joo.

Boradipolasi tseno tsa dikwena gape ba di godisetsa go di rekisa. Mo mebarakeng ya boditšhabatšhaba o ka fitlhela ditlhako, mabanta, dikgetsana le dilo dingwe tsa feshene di dirilwe ka letlalo le le boleta la mpa ya kwena. Go romelwa matlalo a ka nna 2 000 go tswa kwa Motseng wa Mamba kwa dinageng tse dingwe tse di jaaka Italy le Fora ngwaga le ngwaga gore a ye go sugiwa. Go diragalang ka nama e e setseng? Kwa Kenya nama ya kwena e dirisiwa ke lephata la bojanala go dira dijo tsa maemo a a kwa godimo.

Dikwena di tsala ka October go fitlha ka April. Fa di le kwa nageng, e namagadi e beela mae a a ka tlogang go 20 go ya go 80. Ka lone lobaka loo, tse di namagadi tse di tswaletsweng di ka beela mae a a ka nnang 36 mo mafelong a di tsalelang mo go one mo makadibaneng a a farologaneng. Mae ano a a phuthiwa a bo a isiwa kwa metšhineng kwa a tlileng go thuthusiwa teng. Seno se tsaya go fitlha go dikgwedi di le tharo.

Fa o le kwa Motseng wa Mamba o kgona go leba dibopiwa tseno tse di kgatlhang thata sentle o babalesegile. Di mo kwaring ya diheketara di le robedi e e dirilweng gore e nne polasi ya dikwena, tshingwana ya dimela, akwariamo ya ditshedi tsa lewatle le lefelo la boitlosobodutu. Go nna digagabi tseno di feta 10 000 koo. Gone mme, ga o kake wa di bona tsotlhe. Mme mo mafelong a mabedi a di godisediwang mo go one, o ka bona tse dikgolo di feta lekgolo mme mo mafelong a mangwe, go na le makgolokgolo a dikwena tse dinnye tsa bogolo jo bo sa lekaneng.

O tla kgatlhega tota fa e le nako e di fepiwang ka yone. Tse dingwe di tlola go tswa mo metsing go tsaya nama e e tsholeditsweng kwa godimo ga lekadiba. Fa o le fano o ka bona kwena e e maswe thata e e bidiwang Big Daddy e e neng e tlhorontshitse batho kwa Nokeng ya Tana, e e neng ya bolaya batho ba ba ka nnang batlhano pele e tshwarwa le go isiwa kwa polasing eno. Fa e le gore o a tshoga fa o leba dikwena, o ka nna wa di leba sentle kwa go tshamekiwang dibidio gone.

Fa o leba kwena o le gaufi o ka nna wa kgatlhega kana wa tshoga. Mme o tla tlhaloganya botoka gore ke eng fa Baebele e ne e bolela jaana ka kwena mo go Jobe 41:34: “Ke kgosi godimo ga bana ba boikgodiso botlhe fela.”

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Kafa mojeng: Motse otlhe wa Mamba

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Kwa thokothoko kafa mojeng: Kwena ka nako e di fepiwang ka yone e tlola mo metsing go tshwara nama

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela