LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 3/8 ts. 10
  • A ba Tla Rera Ntlo le Ntlo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A ba Tla Rera Ntlo le Ntlo?
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kereke ya Katoliki mo Afrika
    Tsogang!—1995
Tsogang!—1995
g95 3/8 ts. 10

A ba Tla Rera Ntlo le Ntlo?

“MOPAPA o Romela Bareri Kwa Mebileng ya Rome.” Seo e ne e le setlhogo sa pego ya dikgang ka Greg Burke. O ne a kwadile jaana: “Mopapa John Paul o kgothaleditse Bakatoliki ba Italy gore ba etse ditlhotswana tsa bodumedi tse di jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ba ntseng ba ikgapela badumedi ba basha mo nageng eno mme ba simolole go rera ntlo le ntlo.

“‘Eno ga se nako ya go tlhabisiwa ditlhong ke Efangele, ke nako ya gore re e rere phatlalatsa,’ Mopapa o ne a raya setlhopha sa bareri le barutisi ba bodumedi ba le 350 jalo ka Mantaga. . . .

“‘Ke solofela gore letsholo leno la lona la go rera Efangele mo mebileng . . . le tla lere maungo a mantsi,’ o ne a ba laela jalo. ‘Ka seno lo ribolotse mokgwa wa go rera o ka one lo ka fitlhelelang le batho bao ba tlogetseng tumelo ya rona.’”

Burke wa mmegadikgang o ne a akgela jaana: “Palo ya batho ba ba tlang kwa Kerekeng ya Katoliki e fokotsegile thata mo Italy mo masomeng a mabedi a a fetileng a dingwaga, mme tlhagafalo ya ga Mopapa ya gore go rerwe ntlo le ntlo e bonala e le ka ntlha ya go lemoga fa e sa tlhole e tsewa tsia.”

Mokgosi oo wa gore go “simololwe go rerwa ntlo le ntlo” ga o mosha. Mopapa wa nako e e fetileng, e bong Paul VI, o ne a bolela gore Kereke ya Katoliki e “tlhometswe gore e rere efangele.” Mme mopapa wa gone jaanong, John Paul II, o ne a ema Redemptoris Missio ka lefoko ka 1991 a tlhagisa kereke ya gaabo gore e tlhoka go diragatsa taelo ya ga Jesu ya gore go rerwe phatlalatsa.

Mokwadi wa Roma Katoliki e bong Peter Hernon o ne a botsa potso eno mo Catholic Herald ya Lontone: “Go diragetseng ka tiro ya boefangele?” O ne a tshwenyegile thata ka “lesome la dingwaga la boefangele” le go neng go buiwa thata ka lone le le neng le setse le na le dingwaga di le mmalwa go buiwa ka lone. Fa a ne a botsa bishopo mongwe kaga tsela e lo neng lo sa gatele pele ka teng, bishopo yono o ne a re: “Se itlhaganelele dilo. Kereke e na fela le dingwaga tse 2000 e tlhomilwe.”

Ke gone ka moo Hernon a ileng a botsa jaana: “Lo supa jang tsela e Jesu A neng a supa kafa go potlakileng ka gone gore barutwa ba Gagwe ba rerele metse e e ba dikologileng ka yone? Kana, ya ga Moitshepi Paulo fa a re: ‘Go latlhega nna, fa ke sa rere Efangele! (1 Bakor. 9:16).’” A ruri Bakatoliki ba tla etsa Bakeresete ba pele bao ba neng ba rera phatlalatsa “le ka ntlo le ntlo”?—Ditiro 5:42; 20:20, Douay Version.

Hernon o bolela gore fa go buiwa ka kgang ya go rera efangele ntlo le ntlo, o tla “utlwa babelaedi ba ngunanguna ba re, ‘ke kgopolo fela, ga go kake ga kgonega.’ Mme go ka kgonega,” Hernon o araba jalo. “Ke tla tshegetsa kgang eno ya me ka go dirisa lefoko le le sa rategeng. Ke a itse gore ga le ratege ka gonne mo nakong e e fetileng fa ke ne ke le dirisitse mo setlhogong sengwe sa Katoliki, karolo eo yotlhe e ne ya phimolwa (le mororo dilo tse dingwe di ile tsa se ka tsa fetolwa). Lefoko leno ke, Basupi ba ga Jehofa. . . . Mosupi mongwe le mongwe o rutiwa gape gore fa fela a fetoga mongwe wa bone, o fetoga morongwa.”

Le mororo Hernon a sa dumalane le dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa, o swetsa ka gore fa motho a akanyetsa mekgwa ya bone ya go rera, “go gakolola motho thata ka Kereke ya pele e e tlhalosiwang mo ditirong tsa Baaposetoloi.”

Basupi ba ga Jehofa ba tswelela pele ka bodiredi jwa bone jwa ntlo le ntlo ba le tlhaga, ka gone, ba diragatsa taolo ya ga Jesu Keresete mo motlheng ono wa rona ya gore: “Lo tlaa nna basupi ba me . . . go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.”—Ditiro 1:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela