Go Gomotsa Bagolo Ba Ba Gobaditsweng Mo Maikutlong Ba Sa Le Bana
E NE e le banyalani ba basha ba ba ratang batho, ba tlotliwa thata mo phuthegong. Mme lefa go ntse jalo tsela e monna a neng a bua ka yone e ne e supa gore go na le maemo a tshoganetso fa a ne a kopa gore mogolwane a ba etele, matlho a mosadi a bile a itshekile dikeledi. O ne a na le bothata jwa go nna a tsogelwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong le go ikila, le go tlelwa ke megopolo ya go batla go ipolaya tota. O ne a ile a sotliwa ka go tlhakanela dikobo le ene fa a ne a sa le mmotlana. Mogolwane o ne a itumelela gore phuthego ya ga Jehofa e neetse kaelo ya kafa batho ba ba diretsweng bosetlhogo joo ba ka thusiwang ka gone, mme a bala dikwalo tse Mokgatlho o neng o di kwaletse bagolwane mmogo le ditlhogo tsa Tsogang! ya October 8, 1991 le sa Tora ya Tebelo ya April 1, 1984 tse di neng di bua ka kgang eno. Dintlha di sekae tse di mosola tse di tserweng mo ditlhogong tseo ke tseno.
1. Reetsa, reetsa, reetsa. Fa ngwana a kgobogile lengole, selo sa ntlha se a se dirang ke go tabogela kwa go Mama kana kwa go Papa gore a mo gomotse. Mme lefa go ntse jalo ngwana yo o ileng a sotliwa a ka nna a bo a ile a se ka a nna le mongwe yo o ntseng jalo yo a ka yang kwa go ene. Jaanong fa a setse a le mogolo, o santse a tlhoka sone fela seo—go bolelela mongwe, go ntsha maikutlo a gagwe, le go gomodiwa ke mongwe yo o tla mo reetsang ka bopelotlhomogi. (Bapisa Yobe 10:1; 32:20.) Fa mogolwane a ne a etela banyalani ba ba boletsweng fa godimo, monna o ne a gakgamadiwa ke kafa mogolwane a neng a sa bue thata ka gone le kafa a neng a reetsa thata ka gone. E re ka monna wa mosadi yoo e le motho yo o dirang ka natla, yo o ratang go thusa, o ne a lemoga gore o ntse a leka go rarabolola bothata ka go re fa go ntshiwa maikutlo ene a bo a baya mabaka, a leka go baakanya maikutlo a a neng a lebega a sa utlwale mo go ene. O ne a ithuta gore mosadi wa gagwe o ne a tlhoka go tlhomogelwa pelo go feta go neelwa dikarabo. (Bapisa Baroma 12:15.) O ne a tlhoka go utlwa gore o ne a na le mabaka a a utlwalang a gore a ikutlwe ka tsela e a neng a ikutlwa ka yone.
2. Senola Maaka. Go sotliwa go ruta bana gore ba na le maitsholo a a maswe, ga ba ratege, ga ba na mosola. Jaaka dithuto tsa bodumedi tsa maaka, megopolo eno e ka dira gore go nne thata go nna le kamano e e siameng le Jehofa. Ka jalo, senola maaka ao, mme o a emisetse ka boammaaruri—ka bonolo, ka go boaboeletsa, le ka bopelotelele. Ntsha mabaka go tswa mo Dikwalong. (2 Bakorintha 10:4, 5) Ka sekai: “Ke a tlhaloganya gore o ikutlwa o le motho yo o maitsholo a a maswe. Mme Jehofa ene o ikutlwa jang ka wena? E re ka a ile a letla Morwawe gore a swe a go ntshetse setlhabelo, a seo ga se reye gore o a go rata? [Yohane 3:16] Mo matlhong a Gagwe, a go sotliwa jalo go ile ga dira wena gore o nne motho wa maitsholo a a maswe, kana mosotli ke ene go ileng ga mo dira gore e nne motho wa maitsholo a a maswe? Gakologelwa gore, Jesu o ne a re: ‘Ga go na sepe se se kwa ntle ga motho, se se ka reng se tsena mo go ene sa mo itshekolola; mme dilo tse di tswang mo mothong, ke tsone tse di itshekololang motho.’ [Mareko 7:15] A tota tshotlo e ne e tswa mo go wena, ngwana yo mmotlana? Kana motho yo o neng a go sotla yoo ke ene a ileng a ikaelela seo mo mogopolong wa gagwe?”
3. Bua o ntse o mo nametsa. Motho mongwe le mongwe ga a tshwane le yo mongwe, ka jalo kgakololo ya ga Paulo ya go re “nametsañ ba ba lapañ pelo” ga e dire ka tsela e e tshwanang mo go mongwe le mongwe. (1 Bathesalonia 5:14) Lefa go ntse jalo, go bua ka go tsaya dilo motlhofo ga se gantsi go gomotsa tota. Ka sekai, go bolelela motho yo o kileng a sotliwa fela o re a bale Bibela thata, a rere thata, kana fela go re a ‘latlhele morwalo wa gagwe mo go Jehofa’—lefa dikakantsho tseno di le mosola ka dinako dingwe—di ka nna tsa se ke di tswe thuso. (Pesalema 55:22; bapisa Bagalatia 6:2.) Ba le bantsi ba setse ba dira dilo tseno kafa ba ka kgonang ka gone mme ba ipona molato mo go botlhoko ka go bo ba sa dire botoka go feta foo.—Bapisa 1 Yohane 3:19, 20.
Ka tsela e e tshwanang, go bolelela batho ba ba kileng ba sotliwa fela gore ba lebale dilo tse di ba diragaletseng go ka nna ga senya go na le go baakanya. Fa e ne e le gore ba kgona go dira jalo, gongwe ba ka bo ba setse ba dirile jalo—mme ba ka bo ba sa tlhoka thuso gore ba bone tharabololo e e motlhofo fela jalo.a Gakologelwa, kana ga bone ke kgobalo e e boteng ya maikutlo. Fa re bapisa fela, a ko o akanye fela o bona mongwe yo o boneng kotsi ya koloi a rapaletse a lela mo dikgoropeng tseo. A o ne o ka mo raya fela o re a se ka a akanya ka botlhoko jo a leng mo go jone? Go phepafetse gore go tlhokega se se oketsegileng.
Fa e le gore ga o tlhomamise gore se o se buang se a gomotsa e bile se mosola, ke ka ntlha yang fa o sa botse ene yo o tshwenyegileng mo maikutlong? Kana gone, le yone kgakololo e e boammaaruri ya Dikwalo e tlhoka gore e tle ka nako e bo e tshwanele.—Bapisa Diane 25:11.
Fa a sena go etelwa makgetlho a sekae, kgaitsadi yoo o ne a simolola go ipona a leba dilo ka tsela e e botoka, mme monna wa gagwe o ne a kgona go mo thusa botoka ka dinako tse di thata. Jaanong fa e sale ka nako eo bobeding jwa bone ba kgona go gomotsa ba bangwe ba ba ileng ba gobadiwa ka tsela e e tshwanang mo maikutlong. Abo go nonotsha tumelo jang ne go bona Jehofa, “Modimo oa kgomoco eotlhe,” a dirisa Lefoko la gagwe le batho ba gagwe go ‘hapa ba ba dipelo di phatlogileng’ mo metlheng eno ya matshwenyego.—2 Bakorintha 1:3; Isaia 61:1.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ke boammaaruri gore, moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore ba ‘lebale dilo tse di fetileng.’ Mme lefa go ntse jalo fano Paulo o ne a bua ka maemo le katlego tsa selefatshe tse a neng a kile a bo a na le tsone pele, tse jaanong e neng e le “malele” mo go ene. O ne a sa bue kaga dipitlagano tsa gagwe tsa pele, ka gonne tsone o ne a bua ka kgololesego fela ka tsone.—Bafilipi 3:4-6, 8, 13; bapisa 2 Bakorintha 11:23-27.