LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 6/8 ts. 12
  • Motshelaesi Mongwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motshelaesi Mongwe
  • Tsogang!—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • “Batho Ba re Ke Mang?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Jesu—Se Batho ba Se Buang ka Ene
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Re ne Rra Dira Tshwetso ya go Tshegetsa Bolaodi Jwa Modimo re Nitame
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 6/8 ts. 12

Motshelaesi Mongwe

“O TSHOLETSWE mo motseng mongwe o o sa itsegeng thata, e le ngwana wa mosadinyana wa modiidi. O ne a golela mo motseng o mongwe, koo a ileng a bereka mo madirelong a go betla go fitlhelela a tshwara dingwaga tse di masome mararo. Mme ka dingwaga di le tharo e ne e le moruti yo o tsamayang mo a rera.

“Ga a ise a ko a kwale buka epe. Ga a ise a ko a nne le maemo ape. Ga a ise a ko a nne le ntlo ya gagwe kana lelapa. Ga a tsena sekolo kwa kholetšheng. Ga a ise a ko a etele kwa toropong e kgolo. Ga a ise a ko a tsamaye sekgala sa [dikilomitara di le 300] go tswa kwa a tsholetsweng teng. Ga a a dira sepe sa dilo tse ka tlwaelo di amanngwang le go tuma. O ne a se na sepe se a ipitsang ka sone fa e se ene ka boene.

“O ne a na le dingwaga di le masome a le mararo le boraro fa batho ba simolola go mo ila. Ditsala tsa gagwe di ne tsa tshaba. O ne a neelwa baba ba gagwe mme a sekisiwa ka mokgwa o o neng o sa tlhamalala. O ne a kokotelwa mo [koteng] fa gare ga magodu a mabedi. Fa a a swa, babolai ba gagwe ba ne ba tshela bola mabapi le diaparo tsa gagwe, dithoto tsa gagwe tsa go tshega le go tlhonama tse a neng a na le tsone mo lefatsheng. Morago ga gore a swe, o ne a fitlhiwa mo lebitleng le le adimilweng ka kutlwelobotlhoko ya tsala ya gagwe.

“Makgolo a dingwaga a le lesome le borobabongwe a fetile, mme gompieno ke motho wa konokono mo sethong, le moeteledipele wa kgatelopele ya batho. Masole otlhe a a kileng a gwanta, le dikepe tsotlhe tsa ntwa tsa merafe tse di kileng tsa agiwa, le dipalamente tsotlhe tse di kileng tsa tsena, dikgosi tsotlhe tse di kileng tsa busa, fa di kopantswe mmogo ga di a ka tsa fetola botshelo jwa motho mo lefatsheng leno ka maatla mo go kalo.”a—An anonymous commentary on the life of Jesus Christ.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Dikgang ka botlalo mabapi le motshelaesi yoo di mo bukeng ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela