“Eno O Kare Ke Yone Buka E Ke Ka E Balang”
Jessica, yo e leng moithuti wa dingwaga tse di 16 kwa sekolong se segolwane kwa New York City, o ne a kwalela Tsogang! jaana: “Ke na le morutabana yo o nthutang hisitori yo go senang ke raya le a mongwe fela yo o mo ratang. O ne a kgaoganya tlelase ka ditlhopha mme a e laela go batlisisa ka ‘Ditumelo tse Dikgolo.’ Sa me setlhopha se ne sa neelwa Iselamo. Ke ne ka seka ka tshwenyega ka ke ne ke itse gore ke tla bo ke eme sentle ka Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo. Ke ne ka rulaganya pego e e molemo ka tsela e ke neng ke ka kgona ka yone.
“Letsatsi le ne la goroga la gore setlhopha sa rona se neele pego. Morutabana o ne a tsena baithuti ganong le go ba tsosetsa leratla, ka jalo ke ne ke roroma. Erile fa go tla nako ya me, ke ne ka bolelela tlalese ka dilo tse di tlhaolang Iselamo. Ke ne ka tsamaisa buka ya Matsapa mo go bone, mme ka laela baithuti gore ba lebe dintshwantsho tse di mo ditsebeng 286 le 289. Fa morutabana a tsamaya le ditsebe tsa yone, o ne a nkemisa a bo a re, ‘Intshwarele, a buka eno ke ya gago? A nka e tsaya?’ Ke ne ka araba ka gore, ‘Nka go tlela le ya gago fa o batla.’ A rumaruma, a bo a re: ‘Ke ka itumela thata. Eno ke buka e o kareng ke ka e bala.’ Pelo ya me e ne e betsa ka ntlha ya boitumelo le go gakgamala, mo eleng gore ke ne ke setse ke bala pego le go ikutlwa ke sa ikutlwe.
“Mo pegong eo o ne a mpha matshwao a a kwa godimo mo tlelaseng yotlhe (95). Ke leboga Jehofa Modimo le lona baukalengwe ka go re neela sedirisiwa se se botlhokwa jaaka Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo.”
Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng mabapi le kgang nngwe e go builweng ka yone mo makasineng ono kana o eletsa thuto ya legae ya Bibela ya mahala, tsweetswee gololesega go kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana go nngwe ya diaterese tse di kwadilweng mo tsebeng ya 5.
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
MATSAPA A A TSERWENG KE MOTHO GO BATLA MODIMO