LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 10/8 ts. 32
  • Karabo ya Thapelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Karabo ya Thapelo
  • Tsogang!—1992
Tsogang!—1992
g92 10/8 ts. 32

Karabo ya Thapelo

MOSADI mongwe wa go tswa kwa Christchurch, kwa New Zealand, o bolela gore ditlhogo tsa Tsogang! tseo di neng di le malebana le “Go Fodisa Dintho Tse Di Bakilweng ke go Sotliwa Fa O Ne O Sale Ngwana” e ne e le dikarabo tsa thapelo ya gagwe. O tlhalosa jaana:

‘Ka August 1991 ba le bantsi ba rona ba ile ba nna le boitemogelo jo bo tsitsibanyang mmele jwa go bona tsala e le mo kutlobotlhokong ya go gakologelwa kafa go neng ga sotlwa ka ene ka gone. Ke ne ka sala ke gamaregile ka malatsi a ka nna mararo, mme lefa go ntse jalo re ne ra rapela Jehofa ka tlhoafalo re mo kopa makasine o o leng mabapi le kgang eno. Re ne re batla thuso. Re ne ra leta dibeke di le tlhano fela. Ke lo leboga mo boemong jwa batho ba le bantsintsi bao ba ileng ba angwa ke seno ke lo lebogela ditlhogo tseno tsa Tsogang! ya October 8, 1991 tse di nang le tlhaloganyo, tse di akanyetsang maikutlo a batho ba bangwe.’

Lekwalo le le fa godimo ke le le lengwe fela la a le makgolokgolo a a bontshang kafa go ilweng ga itumelelwa ka teng Tsogang! eo e neng e le malebana le go gobololwa ga ka nako ya fa motho e ne e sa le ngwana. Mo lekwalong le lengwe leo le ileng la amogelwa mo masimologong a monongwaga, mokwadi wa lone o ne a bolela gore o ne a tshwanelwa ke gore a leke makgetlo a le mmalwa go bala ditlhogo tseno ka ntlha ya gore o ne a sa kgone go kgaotsa go lela. O akgela jaana:

“Le eleng gone jaanong, ke tlalelana maikutlo jaaka fa ke re ke leka go lo bontsha kafa ke anaanelang nako mmogo le maikatlapelo tse lo di dirisitseng go thusa bangwe ba rona bao ba ikutlwang ka tsela e e ntseng jalo ya go tlontlololwa le go ikutlwa ba le molato morago ga ba sena go betelelwa ke mongwe ka go tlhakanela dikobo nabo kana a sena go ba gobolola mo maikutlong e le mongwe yoo a neng a iphaka gore o a re ‘rata’ ka nako ya fa re ne re sale bana ba bannye ebile re tshabelelwa ke seno. Ke ne ke ntse ke sa itse gore kante golo fa ga se nna fela yo ke diragaletsweng ke seno. Go santse go le thata mo go nna go ka itshokela kafa ke ikutlwang ka teng, mme lefa go ntse jalo dikakantsho tseo di leng mo ditsebeng 10 le 11 di thusa eletota. Ke na le dilo di le dintsi thata tseo ke ratang go di bolela, mme lefa go ntse jalo seo nka se bolelang fela ke gore ke lo rapelela mo go Jehofa gore lo ikanye mo go Jehofa go bo a lo file bopelokgale jwa go ka kwala ka setlhogo se se masisi go le kana.”

Yo mongwe gape o ne a bolela jaana: “Setlhogo seno e ne e le se sengwe sa ditlhogo tse di molemo go gaisa tsotlhe tseo lo kileng lwa tsamaya lwa di gatisa tseo di leng malebana le dikamano gareng ga batho. Se ile sa senola mokgwa ono wa bosatane mmogo le bao ba o rotloetsang, sa sedimosetsa bao ba sa angweng ke tiragalo eno kafa mokgwa ono o tlogelang motho a feletswe ke maatla mo go botlhoko ka teng; bao ba ileng ba diragalelwa ke seno ba ile ba gomodiwa ke seno sa bo sa ba sedimosetsa. Mojako wa go lebelela gore batho ba Modimo ba go utlwele botlhoko le go go ema nokeng o butswe ka botlalo.”

Basupi ba ga Jehofa ke mokgatlho wa boditšhabatšhaba o o nang le baithuti ba Bibela ba ka tshwara dimilione di le nne bao ba dirisang matshelo a bone go thusa batho ba bangwe gore ba ithute ka mo go oketsegileng kaga maikaelelo a Modimo. Fa e le gore o ka rata go nna le tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata gore go ithutiwe le wena Bibela mahala kwa gaeno, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa atereseng nngwe e e tshwanetseng mo go tse di thathamisitsweng mo tsebeng 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela