A O Tla Reetsa Kgakololo ya Ngaka?
FA GO tla mo kgannyeng ya go goga motsoko maikarabelo a ngaka ke afe? A ke fela go alafa bao ba lwalang malwetsi a a tsamaelanang le go goga motsoko? Dr. Louis Sullivan, yo eleng mokwaledi wa Lephata la Botsogo le Ditlamelo tsa Batho kwa U.S., o ikutlwa gore dingaka di tshwanetse go dira go feta moo. Maloba jaana o ne a kwala mo go The Journal of the American Medical Association: “Dingaka di na le boikarabelo jwa gore di itsise balwetsi ka diphelelo tse go goga motsoko go nnang natso mo botsogong, le go thusa balwetsi ba ba sa gogeng gore ba seka ba simolola go goga, le gore bao ba setseng ba goga ba latlhe mokgwa oo.”
Ke ka ntlha yang fa dingaka di tshwanetse go tsenelela thatathata jaana mo matshelong a balwetsi ba bone le mo dilong tseo ba di ikgethetseng? Dr. Sullivan o dumalana gore: “Go goga ke selo se motho a se ikgethelang, mme lefa go le jalo ke kgetho e e maswe.” O fa bosupi jono jo bo nonofileng: “Ngwaga le ngwaga, go goga motsoko go bolaya Maamerika ba ka tshwara 400 000; ke gore batho ba ba fetang 1000 letsatsi le letsatsi, mo go rayang gore mo dintshong dingwe le dingwe tse thataro tse di diragalang mo lefatsheng la rona tse di fetang bongwe di nna ka ntlha ya motsoko. Palo ya Maamerika ba ba swang ngwaga le ngwaga ka ntateng ya malwetsi a a tsamaelanang le go goga motsoko e feta palo ya Maamerika bao ba ileng ba swa mo Ntweng ya Lefatshe II.”
Fa a ne a lebisa kgang eno mo basading, Sullivan o ne a ntsha dipego tse dingwe gape tse di sa jeseng monate: “Mo dintshong tsa basadi tse di bakiwang ke kankere, dintsho tse di bakiwang ke kankere ya makgwafo di feta kgakala tse di bakiwang ke kankere ya mabele. Basadi ba ba gogang ba na le sebaka sa makgetlo a le mararo sa go ka tlhaselwa ke bolwetsi jwa pelo go na le basadi bao ba iseng ba ke ba goge, le gore basadi ba ba gogang ba itsenya mo kotsing ya go sa tsoge sentle le loso ba bolawa ke bolwetsi jwa go kibana makgwafo le a mangwe a a tsamaelanang le go goga motsoko. Basadi ba ba gogang ka nako ya fa ba le baimana ba na le sebaka se se kwa godimo sa go ka senyegelwa, le go tshola bana ba ba sa nonofang, le go nna le bana bao ba ka nnang baa swa mo dingwageng tsa ba santse ba le masea fela.”
Le mororo go na le mabaka ano a a tshosang, Dr. Sullivan o bontsha gore go santse go na le kgatelelo e kgolo mo bathong gore ba goge. A re ipapatso ya disekerete e e diriwang gore e ikuele mo ditlhotshwanyaneng tse di rileng ke selo “se se ferosang sebete.” Gape a re o gakgamadiwa ke go dirisiwa ka boferefere ga batho ba basha, ba bantle, mo mafelong a a nang le letsatsi le le tlhabileng sentle e le go leka go bolelela basha gore go goga go siame go bile go monate. Boammaaruri ke gore, fa e le gore dipalo tse dintsi jalo tsa go goga ga di fetoge, bana ba ba ka tshwarang dimilione tse tlhano ba ba tshelang gompieno ba ka nna ba swa ka ntateng ya malwetsi a a tsamaelanang le go goga motsoko. Dr. Sullivan o kgothatsa dingaka ka ene jaana, “ao ke matlhotlhapelo ao re tshwanetseng gore re a feme.”
Gore a dingaka di tla kgona go fema matlhotlhapelo ano ke selo se se santseng se belaetsa. Fela jaaka Dr. Sullivan a bega: “Ka maswabi, dingaka dingwe di santse di tsweletse ka go goga motsoko, ka jalo di tlhomela balwetsi ba bone le badiri ka bone sekao se se maswe le go neela botlhe ba ba ba itseng molaetsa o o kgatlhanong le botsogo.”