Selo Se Go Dira Dilo O Sa Tlhole O Re Ka Moso Ke Eng?
KA MAABANYANE mangwe ka 1893, tlelereke nngwe ya kompone ya magala kwa Detroit, Michigan, U.S.A., o ne a bona tlhamo e e sa itsegeng e e dirilweng ka ditshipinyana le maotwana a baesekele e tla e tlerebegana le mmila. Gone fela foo, a nna le boikutlo jo bo boteng—a ikutlwa go na le sengwe se se reng a dire sengwe. Ka tsela nngwe o ne a lemoga gore eno e ne e le tlhamo e e nang le bokamoso. O ne a ikgatholosa ditshego tsa ba ba itseng thata ba ba neng ba sa dumele gotlhelele gore setshwantshonyana seo tota e ka re ka motlha ope sa ratwa ke batho, mme ka bofefo fela a ya go tsaya madi otlhe ao a neng a ntse a a boloka mo botshelong jwa gagwe jotlhe a a kana ka R2 750 mme a reka diabe mo komponeng ya motlhami wa kolotsana eo. Dingwaga tse di ka nnang 30 moragonyana, o ne a rekisa diabe tsa gagwe mo komponeng ya dikoloi ya ga Henry Ford ka R96,25 ya dimilione. Fa re bua ka papamalo, go dira ga gagwe se a neng a ikutlwa go na le sengwe se se reng a se dire go ne ga mo tswela mosola!
Rasaense yo o itsegeng thata ebong Albert Einstein ke mongwe wa batho ba ba kileng ba dira dilo ka go phamoga. O ne a nna le kakanyo—e kwa morago a ileng a e bitsa mogopolo o o e gaisang yotlhe ya botshelo jwa gagwe—mme erile kwa morago ya felela ka kgopolo eno ya sekgantshwane ya general relativity. Einstein o ne a fetsa ka gore go dira dilo tseo o ikutlwang go na le sengwe se se reng o di dire ke selo se se botlhokwa thata mo go reng re kgone go ribolola melao e e laolang dilo tsa tlholego. Lefa go le jalo, ga se dilo tsotlhe tseo Einstein a neng a ikutlwa go na le sengwe se se reng a dire tse di ileng tsa atlega. O ne a bolela gore nako nngwe o ne a latlhegelwa ke tiro eo a ileng a e fufulela dingwaga tse pedi a latedisa tiro nngwe e a ileng a e dira ka go phamoga e e maretshwa eo a neng a ikutlwa go na le sengwe se se reng a e dire kwa bofelong ya se ka ya nna le matswela.
Mme ebile, golo mo ga go dira dilo tse o ikutlwang go na le sengwe se se reng o se dire ga se ka nako tsotlhe go felelang ka go tuma le go bona letlotlo, ebile ga se gore ke selo sa batho ba ba botlhale le bahumi ba bagolo fela. Mo bathong ka bontsi, go dira dilo ka go phamoga ke selo se se ba diragalelang letsatsi le letsatsi. Go ka nna ga tsaya karolo mo ditshwetsong tse dintsi tseo re di tsayang: go dira tshwetso ya go se tshepe motho mongwe yo o sa mo itseng, go fetsa ka go tsenelela mo ditumalanong tsa kgwebo, go nna le pelaelo ya gore go na le sengwe se se phoso ka tsala ya gago yo lentswe la gagwe le seng monate mo mogaleng.
Lefa go le jalo, bontsi bo ikanya thata go dira dilo ka go phamoga fa ba dira ditshwetso tse di botlhokwatlhokwa: gore ke tiro efe e motho a ka e dirang mo botshelong jwa gagwe, gore motho o ka nna kae, gore o ka nyala/nyalwa ke mang, tota le gore ke bodumedi bofe jo a ka bo latelang. Mme fa go dira ka go phamoga mo dikarolong tseno go sa nne le matswela, mathata e ka nna a magolo thata go gaisa go latlhegelwa ke tiro ya dingwaga tse pedi, ga ga Einstein. Ka jalo he, tota “go dira dilo o sa tlhole o re kamoso” ke eng? Go dira jang? Go ka ikanngwa go le kana kang?
Mosetsana mongwe yo o mo dingwageng tsa bosha, yo o neng a tsopolwa ke The Intuitive Edge e e kwadilweng ke Philip Goldberg, o ne a araba potso eo jaana: “Go ikutlwa go na le sengwe se se reng o dire sengwe ke fa o lemoga sengwe, mme lefa go le jalo, potso ke gore, go tlile jang?” Go ikutlwa go na le sengwe se se reng o dire sengwe go ile ga tlhalosiwa ka tlhamalalo jaaka “kitso e e tlang mo mothong kwantle ga go gopola sepe kgotsa go akanya ka selo.” Go lebega ekare, go ikutlwa go na le sengwe se se reng o dire sengwe go akaretsa go tlola ga mokgwa mongwe—go tlola go tswa mo go lemogeng bothata go ya go tlhoma mo go itseng tharabololo ya jone. Ka bofefo fela, re setse re lemoga karabo kgotsa re tlhaloganya seemo. Lefa go le jalo, seo ga se reye gore go ikutlwa go na le sengwe se se reng o dire sengwe ke selo se le sengwe fela le go dira dilo ka go tlhotlhelediwa ke maikutlo kgotsa go ya le keletso.
Ka sekai, go bo o re “erile ke se bona, ka lemoga gore ke tshwanetse gore ke nne le sone,” go supa keletso go na le go supa go ikutlwa go na le sengwe se se reng o dire sengwe. Go ikutlwa go na le sengwe se se reng o dire sengwe go ka nna ga lebega go tshwana le go ya le keletso ka gore go re tlela fela kwantle ga gore re lebelele mabaka, kgato ka kgato. Mme lefa go le jalo motswedi wa gone ga oa itshetlega thata ka go tlhotlhelediwa ke maikutlo kana ka masaitsiweng jaaka go ntse ka dikeletso tse di tswang mo dipelong tsa rona tse gantsi di leng “boherehere.”—Yeremia 17:9.
Gapegape, go phepafetse gore go ikutlwa go na le sengwe se se reng o dire sengwe ga se temosi nngwe ya borataro e e sa tlwaelesegang. Mme fela jaaka The World Book Encyclopedia e bolela: “Batho bangwe ba dira phoso ka go bitsa go ikutlwa go na le sengwe se se reng o dire sengwe ba re ke ‘temosi ya borataro.’ Mme lefa go le jalo dipatlisiso gantsi di bontsha gore go ikutlwa go na le sengwe se se reng o dire sengwe go ikaegile ka se se kileng sa diragalela motho, bogolo jang batho ba ba kelotlhoko.” Encyclopedia eo ya re, motho o aga “sefalana sa dilo tseo a ka di gakologelwang le maikutlo a gagwe ka tsone,” se mo go sone tlhaloganyo e ka bopang “mogopolo ka bofefo [o o bidiwang] go ikutlwa go na le sengwe se se reng o dire sengwe kgotsa ‘go dira dilo o sa tlhole o re ka moso.’”
Ka jalo he go na le go nna masaitseweng mangwe kana boselamose, go ikutlwa go na le sengwe se se go rayang se re o dire sengwe go itshupa fa go tsalwa ke fa motho a na le kitso e e tletseng ka sengwe. Ke fela jaaka makasine wa Psychology Today o ne wa bega jaana bosheng jaana: “Babatlisisi ba ile ba lemoga selo sa botlhokwa se se leng teng mo bathong ba ba nang le go dira dilo tse ba ikutlwang go na le sengwe se se reng ba di dire: Ke batho ba ba nang le kitso e e tletseng . . . mo ditirong dingwe tse di rileng. Mme ka jalo ba dirisa kitso ya bone motlhofo fela go rarabolola mathata mo ditirong tsa bone tse di kgethegileng. Tota ebile, batho ba lebega ba dira dilo tse ba ikutlwang go na le sengwe se se reng ba dire go ya ka gore a ba na le kitso e e tletseng—le gore ba na nayo go ya bokgakaleng jo bo kae.” Mme go tla jang gore go nna le kitso e e tletseng ka sengwe go dire gore motho a ikutlwe go na le sengwe se se reng a dire dilo tse di rileng?
Michael Prietula, yo eleng motlatsaporofesara ya tsamaiso ya madirelo, o ne a ntsha mogopolo wa gore fa batho ba ntse ba nna le kitso e e oketsegileng ka sengwe, “go nna le phetogo mabapi le kafa ba akanyang ka teng le kafa ba sekasekang dilo ka teng.” Mogopolo o rulaganya tshedimosetso ka dingata, kgotsa ka dikidi. Dingata tseno tsa tshedimosetso fa gongwe di kgonisa mogopolo go ja lekekema mokgwa o o bonya wa go sekaseka dilo kgato ka kgato mme o phamoge o bo o wela mo tshwetsong. Go ya ka Prietula, go dira o sa tlhole o re ka moso go tokafala fa boboko bo ntse bo amanya dingata tse di oketsegileng tseno tsa tshedimosetso.
Akanya ka sekai se se tlwaelegileng se se mo bukeng ya Brain Function: “O lebelele modiri wa diloko a theogetse a sotlha loko e e raraanyeng ka teratanyana fela e e konnweng a bo a e re thakga e bo e bulega, jaaka ekete o ne a kaelwa ke sengwe sa masaitsiweng se se mo rayang se re a dire jang.” Go dira dilo a sa tlhole a re kamoso ga modiri wa diloko go ka nna ga lebega e le masaitseweng mo mothong yo o mo lebeletseng; mme boammaaruri ke gore, go dirwa ke maitemogelo a a ileng a kokoana mo dingwageng tse dintsi. Rotlhe re dirisa mokgwa ono wa go dira dilo re sa re kamoso. Ka sekai, ga e re o palame baesekele, o bo o ntse o ipolelela dilo tse di tshwanang le bo, ‘ke bona gore go botoka gore ke swaele leotwana la pele go se kae kafa mojeng, e se re gongwe ka wa.’ Nnyaa, seo ke ditshwetso tse boboko bo di dirang fela ka bojone, go tswa mo kitsong e o e bapetseng ka ntlha ya boitemogelo joo o nang le jone.
Ka mo go tshwanang, go phamoga ga ga Einstein mo go tsa maranyane ga go a itlela fela. O ne a na le sefalana se se tletseng sa kitso go rafa mo go sone. Lefa go le jalo, kitso e e tletseng mo tirong nngwe ga go reye gore e ka dira gore o kgone go dira o sa akanye gabedi mo tirong e nngwe. Fa Einstein a ne a ka phamoga a re o ka baakanya diphaephe tsa metsi o ne o ka seka a kgona.
Mo megopolong ya batho ba le bantsi, mafoko “basadi” le “go dira dilo ekete go na le sengwe se se reng o di dire” aa tsamaelana. A mme gone basadi ba kgona go dira dilo go na le sengwe se se ba rayang se re ba di dire go gaisa banna? Mme fa e le gore go ntse jalo, go nna le kitso e e tletseng go ka sedimosa jang ntlha eno?
Akanya ka sekai se se tlwaelegileng seno. Ngwana o a lela. Mmè yo o nang le maitemogelo, yo o santseng a theogetse ka kwa kamoreng e nngwe, o ya go tsaya metsetlo go na le gore a direle ngwana dijo. Ka goreng? O setse a itse le go tlhaloganya go lela ga ngwana wa gagwe. O setse a itse gore go lela ga mofuta o o rileng go tlhalosa gore go tlhokega eng le gore ga mofuta wa gore go ka tla ka dinako tse di rileng. Ka motsotsonyana fela, kwantle ga go akanya, o setse a itse gore ngwana wa gagwe o tlhoka eng mme a ba a tsaya kgato e e tshwanetseng. A tiro eno e dirwa ke temosi nngwe ya borataro ya masaitsiweng? Nnyaa, mokgwa oo wa gagwe wa go dira dilo a sa re kamoso o dirwa ke kitso eo a nang nayo jaaka mmangwana, matswela a a molemo a maitemogelo a a bonweng ka go dira maiteko. Mmè yo mosha kgotsa mmelegi o ne a ka nna a tsietsega kwa tshimologong fa a ne a le mo maemong a a tshwanang le ao.
Lefa go le jalo, kgopolo ya gore basadi ba kgona go dira dilo ba sa akanye gabedi ga e felele fela mo go bao eleng bommabana. Ba le bantsi ba lemogile gore basadi gantsi ba kgona go bopa mogopolo ka maemo a a bofitlha a a amang batho le botho ka bofefo le kwantle ga go akanya gabedi go na le banna. Baitseanape ga ba tlhaloganye gore ke eng fa banna le basadi ba lebega ba farologana mo ntlheng eno.
Erile moithutatlhaloganyo ebong Weston Agor wa Yunibesithi ya Texas, El Paso, a dirisa dipatlisiso tsa gagwe mo kgannyeng eno, a fetsa ka gore, e re le mororo ka kakaretso basadi ba kgona go dira dilo ba sa akanye gabedi go na le banna, diphapaano tseno gantsi di ikaegile ka ngwao ya bone go na le ka fa ba bopilweng ka teng. Baitse ba bangwe le bone ba ile ba swetsa ka gore ditiro tse di dirwang ke basadi ka tlholego di ba rutuntshetsa gore ba kgone go nna le bokgoni jwa go itse gore motho o na le botho jwa mofuta ofe. Ke jaaka moithutabatho ebong Margaret Mead a ile a bolela: “Ka ntateng ya nako e telele e ba e tsereng ba ntse ba rutwa ka ditirisano tsa motho—ebile tota seo ke sone se go dira kwantle ga go akanya gabedi ga basadi eleng gone—basadi ba na le seabe se se kgethegileng thata go se dira mo tirong epe fela e e amang batho ba bantsi.”
E re le mororo go sa ganediwe gore kgang ya go dira dilo jaaka ekete go na le sengwe se se go rayang se re o dire ga basadi e ne e santse e le kakanyo fela e go dumelwang gore e ntse jalo, go na le go dumalana mo go ntseng go golela pele gareng ga baitse gore go dira dilo o sa tlhole o re kamoso ke selo sa botlhokwa thata mo basading le mo banneng. Moithutatlhaloganyo ebong Jerome Bruner o bolela jaana mo bukeng ya gagwe e go tweng The Process of Education: “Kgalaletso e baitseanape ba e neelang badiri ka bone ba ba kaiwang gore ba ‘na le bokgoni jwa go dira dilo’ ba sa akanye gabedi ke bosupi jwa gore go ikutlwa ekete go na le sengwe se se go rayang se re o dire sengwe ke sedirisiwa sa botlhokwa mo boitseanapeng seo re tshwanetseng go se tlhagolela mo baithuting ba rona.”
Lefa go le jalo, ga se baithuti ba boitseanape fela ba ba tseelang kwa godimo bokgoni jwa go dira dilo jaaka ekete go na le sengwe se se go rayang se re o di dire, le ba ba eletsang go bo tlhagolela. Potso ke gore, A bo ka tlhagolelwa? Gone ke boammaaruri gore, batho ba bangwe ka tlholego fela ba na le bokgoni jwa go dira dilo ba sa re ka moso go gaisa ba bangwe. Mme lefa go ntse jalo ka okare golo mo ga go dira dilo jaaka ekete go na le sengwe se se go rayang se re o di dire go lebega go amana thata le go nna le kitso e e tletseng, baitse bangwe ba ikutlwa gore re ka kgona go nonotsha bokgoni jono jwa go dira dilo re sa tlhole re re kamoso jo re tsalwang ka jone ka go ela tlhoko thata tsela eo re ithutang ka yone.
Ka sekai, fa o bala, o se ka wa lwela fela go bona dintlha tse dintsi. Ipotse dipotso. Dira gore o tlhaloganye ntlha epe fela eo o ka tswang o sa e tlhaloganye. Leka go sobokanya dintlha tsa konokono o bo o akanya gore diphetso e ka nna eng. Go na le go leka go tlhaloganya dintlha tse dintsintsi senka dikarolo tseo kgang e kgaogantsweng ka tsone le mokgwa o e kwadilweng ka one, melaometheo ya konokono mo go yone. Fela jaaka porofesara ya boithutatlhaloganyo ebong Robert Glaser a e bona, “go kgona go lemoga mokgwa o mogolo o o nang le bokao o kgang e kwadilweng ka one” ke one selo sa konokono se se dirang gore motho a kgone go dira dilo a sa tlhole a re ka moso.
Legale gone, ga se gore nako le nako go phamoga go a utlwala. Ka sekai, go tweng fa e le gore motho o dira dilo ka go phamoga a dirisa kitso e eleng gore ka boyone e phoso? Ntlha e e boammaaruri eo e ka re dirang gore re sekaseke pele go bona gore seo re se ithutang se boammaaruri go le kana kang. Mo e ka nnang dingwaga tse 2 000 tse di fetileng, Bibela e ne ya bolela fela jalo ka botlhale. Bafilipi 1:10, (NW) e bolela jaana ka seno: ‘Tlhomamisegang gore dilo tse di botlhokwa thata ke dife.’—Bona gape le Ditihō 17:11.
Mathata a mangwe a go dira dilo jaaka ekete go na le sengwe se se go rayang se re o di dire fela ke gore go ka nna ga tlhotlhelediwa ke maikutlo a rona. Ke sone se go leng diphatsa jaana go ikanya gotlhelele go phamoga fa re dira ditshwetso tse dikgolo kgotsa fa re sekaseka batho. Moithutatlhaloganyo ebong Evelyn Vaughan o tlhagisa jaana, “fa o na le maikutlo mangwe ka sengwe go se dira o sa akanya gabedi go ka seka ga ikanngwa kwantle ga gore o bo o tlhaloganya maikutlo a gago sentle.” Bogale, letshogo, lefufa, le kilo—le mororo maikutlo ano a a nonofileng, ka boone e se a go phamoga, a ka tlhotlheletsa tota le eleng go senya kgono ya rona ya go dira dilo jaaka ekete go na le sengwe se se reng re di dire jalo. Tsaya ka sekai, batho ba babedi bao eleng gore ba ile ba se ka ba orisana molelo ka lobaka lo lo leele. Fa tlhokakutlwisisano e ntšha e tsoga gareng ga bone, mongwe le mongwe wa bone o setse a tsaya gore yo mongwe o na le maikaelelo a a bosula. Lefa go le jalo, Bibela e re tlhagisa ka botlhale kgatlhanong le go atlhola mo go ntseng jalo ga ‘pono ya matlho fela.’—2 Bakorintha 10:7.
Boikutlo jo bongwe, jwa boikgogomoso, bo ka dira gore re tseele kwa godimo thata go dira dilo ka go phamoga ga rona jaaka ekete go na le boleng jo bo kgethegileng fa go bapisiwa le tshekatsheko le megopolo ya ba bangwe. Re ka nna ra dira ditshwetso ka bofefo pele ga re akantshana le ba di ba amang. Kgotsa boikgogomoso bo ka dira gore re tatalalele tshwetso nngwe eo re e dirileng re ikutlwa ekete go na le sengwe se se re rayang se re re dire tshwetso eo go sa kgathalesege gore a e utlwisa mongwe botlhoko kgotsa gore ba bangwe bone ba reng ka yone. Le mo ntlheng eno Bibela e neela kgakololo eno e e botlhale: “Gonne ha motho a ithaea, a re, o señwe, le morōrō a se sepè, oa itsietsa.”—Bagalatia 6:3.
Sa bofelo, go ikaega thata mo go direng dilo tseo o ikutlwang ekete go na le sengwe se se reng o di dire jalo go ka tsala go nna bobodu go akanya. Ga go na go tlhabaganyetsa mo go boneng kitso, tlhaloganyo, le botlhale; thuto e e rulagantsweng sentle ke yone tsela e le yosi fela. Ka jalo he go na le go sala morago mogopolo wa ntlha o o tlang, motho yo o botlhale o kokoanya kitso, e kwa morago e nnang motswedi wa tlhaloganyo, temogo—mme gantsi le wa go dira dilo re sa tlhole re re kamoso.
Mo godimo ga moo, go dira dilo tseo re ikutlwang ekete go na le sengwe seo se reng re se dire, go na le boleng jo bo nang le mosola fa fela e le gore go diragadiwa tumalanong le mogopolo o mogolo wa lobopo lotlhe—mogopolo wa Mmopi. Ke ene motswedi wa kitso ya boammaaruri le botlhale jwa mmatota, mme o batla gore re nne le kitso eno e e botlhokwatlhokwa. O dirisa Bibela go re letla gore re kgone go fitlhelela megopolo ya gagwe, maikutlo a gagwe, le ditiro tsa gagwe. Fa re dirisa kitso e e ntseng jalo mo matshelong a rona, ‘nonofo [ya rona] ya go lemoga dilo,’ go kopanyeletsa le go dira dilo tseo re ikutlwang ekete go na le sengwe seo se reng re di dire jalo, e a ‘rutuntshiwa.’—Bahebera 5:14, NW.
Ka jalo he bapala kitso e e tletseng kaga Mmopi le Morwawe. (Yohane 17:3) Ga go na sepe se se botoka go gaisa seno mo maitekong otlhe ao o ka a dirang. Ga go na motswedi ope o o botoka o ka one o ka kgonang go tlhagolela bokgoni jwa go dira dilo o sa akanye gabedi.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 16]
Einstein o ne a tseela kwa godimo fela thata kgono ya go dira dilo tse o ikutlwang ekete go na le sengwe se se reng o di dire
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 17]
Go dira dilo o sa tlhole o re kamoso ga se temosi nngwe ya borataro ya masaitsiweng
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 17]
A tota basadi ba gaisa banna ka go dira dilo tseo ba ikutlwang ekete go na le sengwe seo se reng ba di dire jalo?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 19]
Go dira dilo ka go phamoga go ka se ka ga ikanngwa fa e le gore go ikaegile ka kitso e e seng ya boammaaruri
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Kwantle ga go akanya gabedi motsadi a ka kgona go lemoga ka selelo sa ngwana wa gagwe gore o tlhoka eng