Ka Nako ya Fa Tsholofelo ya go Tla ga Kagiso E ne E Phatlakanngwa
BATHO ba le bantsi ba ne ba solofetse gore ngwaga wa 1914 e ne e tlile go nna ngwaga o o tlhomologileng tota. Ebile tota, mo dingwageng tse di fetileng batho ba ne ba solofetse gore isagwe e ne e tlile go nna e e ipedisang ka mo go sa tlwaelegang eletota. Saense e ne e tsweletse pele go lwantsha bolwetsi. Mme go tweng ka ntwa? Ebu, jaaka fa lokwalodikgang lwa kwa Vatican eleng L’Osservatore Romano le ne la bolela ka February 1991, pele ga 1914 batho “ba ne ba dumela gore ntwa e ne e tlositswe mo e neng e se kitla e tlhola e bo e tsamaya e gakologelwa gape” le gore kgabagare motho o ne jaanong a tshela mo “motlheng oo ntwa e neng e thibetswe ka one ke batho ba ba nang le kitso mmogo le dipuso.”
Lefa go ntse jalo, ka ngwaga wa 1914 mmogo le mo dingwageng tseo di neng tsa o sala morago, batho ba ba neng ba iketlile ba ne ba diragalelwa ke ditiragalo tsa bosetlhogo tse di neng di sa lebelelwa. Ya ntlha e ne e le se se bidiwang Ntwa E Kgolo ya 1914-18 e e neng ya phatlakanya tsholofelo ya go tla ga kagiso. Ebile tota, L’Osservatore Romano e ne ya e bitsa gore ke “kgailo ya ntlha eo e seng kana ka sepe mo hisitoring ya segompieno eo gareng ga dilo tse dingwe e lemogiwang ka dilo tse ba boranyane ba neng ba di ribolola tseo borasaense ba bagolo ba dikokomana tsa nako e e fetileng ba neng ba dumela gore di ne di dirwa ka maikaelelo a gore go leriwe kagiso.” Ntwa e ne ya dira kgatlhanong le se saense e neng e se ikaeletse mme e dira jalo go lere kagiso; mo boemong jwa gore kagiso eo e nne gone, saense e ne ya kgonisa ntwa go gaila bontsintsi jo bo seng kana ka sepe jwa batho.
Mme ka nako ya fa polao e e setlhogo ya ntwa e sena go fela, batho ba ne ba swa gape setlhogo. Bolwetsi jwa Spanish influenza jo bo neng jwa simolola ka 1918-19 bo ne jwa bolaya batho ba ba fetang dimilione di le 20—polao e e setlhogo fela thata go gaisa polao e e sisimosang ya Ntwa e Kgolo ka boyone. Go ne ga tsewa dikgato tse di gagametseng tota; mo dinageng dingwe go tshwaetsa ba bangwe ka bolwetsi go ne ga bolelwa fa e le go tlola molao. Mapodisi a ne a bile a tshwara batho bao ba neng ba ethimola fa ba ne ba le mo gare ga batho! Mme lefa go ntse jalo seno e ne e le matsapa a bophiri fela. Bolwetsi jono bo ne jwa gogola jalo fela jaaka kgwanyape go se ope yo o neng a ka bo thibela go fitlha bo ikemisa ka bojone. Batho botlhe fela ba ba neng ba nna mo ditoropong ba ne ba swa. Mebele ya bone e ne ya pakiwa kwa dimosharing tsa ditoropo tseno.
Motlha ono wa phetogo o o tlisitsweng ke ngwaga wa 1914 o ne jaanong wa tlogela motho a tlhakane tlhogo. Go akanya ka tsela e e phoso ka gore o tla fenya ntwa le bolwetsi, go solofela go lere kagiso ya lefatshe eo e neng e tla nna teng ka botlhale jwa motho, di ne tsa sala di phatlakane ka mo go utlwisang botlhoko. Ebile jaaka fa dilo di ne di tswelela pele go nnela maswe kwa pele, jaaka fa Ntwa e Kgolo e ne ya fokolediwa boemo gore e nne Ntwa ya Lefatshe I e fokolediwa boemo jalo ke motlhatlhami wa yone yo mogolo eleng Ntwa ya Lefatshe II, jaaka fa bolwetsi, lehuma, leuba, le bokebekwa di ne di tswelela pele go runya ka selekanyo se se boitshegang go dikologa lefatshe, boraditiragalo ba ne ba simolola go lemoga gore ngwaga wa 1914 e ne e le ngwaga wa diphetogo tse dikgolo thata mo hisitoring ya motho.
Mme lefa go ntse jalo go farologana le tsholofelo eo batho botlhe mo lefatsheng ba neng ba na nayo, Diithuti tsa Bibela tsa Merafe Yotlhe (jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe jalo ka nako eo) di ne di setse di itse gore ngwaga wa 1914 e tlile go nna wa botlhokwa thata bogologolo pele o tla. Ebile go kgabaganya dingwaga fa e sale go tloga ka yone nako eo, Basupi ba ga Jehofa ga ba ise ba ko ba gakgamadiwe ke go bona lefatshe le senyega go nna le le nang le mathata leo le senang go ka twe sepe jaaka fa le ntse gompieno. Dipolelelopele tsa Bibela di ba thusitse gore ba solofele ditiragalo tseno le eleng gore ba solofele go bona nako e e monate thata e e tla tlang kwa morago. Seo se kgonega jang? O ka nna wa batla go botsa Basupi ba ga Jehofa kaga seno ka nako ya fa ba tla bo ba go etela gape. Kana o ka nna wa kwalela bagatisi ba makasine ono.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
Redrawn from artwork of Franklin Booth