LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 9/8 ts. 32
  • Ka Nako ya Fa Rraagwemogolo A Ne A Tlhokafala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ka Nako ya Fa Rraagwemogolo A Ne A Tlhokafala
  • Tsogang!—1991
Tsogang!—1991
g91 9/8 ts. 32

Ka Nako ya Fa Rraagwemogolo A Ne A Tlhokafala

Mmè mongwe go tswa kwa Virginia Beach, ebong Virginia kwa U.S.A., o ne a kwala jaana: “Ke ne ka tlhokafalelwa ke rre mo kgweding e e fetileng. Ene le morwaake yo mmotlana ba ne ba ratana thata, go sa kgathalesege sekgala seo se neng se ba kgaogantse. Fa ke ne ke mmolelela gore rraagwemogolo o tlhokafetse, o ne a simolola go lela sa mahutsana.

“Ke ne ka batla pampitshana ka bonako e e reng Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng? Ka bonako fela fa ke sena go e bona, sefatlhego sa gagwe se santse se kolobile ke dikeledi, ke ne ka simolola go e mmalela. Fa ke fetsa, o ne a wetse makgwafo. Ke lebogela tshedimosetso e e ntseng jaana e e mosola, eo e neng ya thusa thata mo nakong e e ntseng jalo e e botlhoko.”

Le wena o ka amogela pampitshana eno e e gomotsang, mmogo le tse dingwe, ka go tlatsa fela foromo eno e e fa tlase o bo o e romela.

Ke tla rata go amogela pampitshana e e reng Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng? mmogo le dipampitshana tse dingwe. (Fa o le kwa ntle ga Repaboliki ya Afrika Borwa, kwalela lekala la Watch Tower le le mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 5.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela