LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 6/8 ts. 27
  • Ditlhobolo—Lefatshe Leo Le Senang Tsone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlhobolo—Lefatshe Leo Le Senang Tsone
  • Tsogang!—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Metlha ya Bofelo—Morago ga Yone go Tla Latela Eng?
    Tsogang!—2008
  • Lefatshe le le Senang Ntwa le Tla Tloga le Tla
    Tsogang!—1996
  • Go Arabiwa Dipotso di le Nnè ka ga Bokhutlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Ke Eng Fa Lefatshe Le Lesha le Emetswe ka Tlhologelelo Thata Jaana?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 6/8 ts. 27

Ditlhobolo—Lefatshe Leo Le Senang Tsone

GO TLOGA fela kwa tshimologong ya hisitori ya motho, motho o ile a dirisa bothubaki fa a dirisana le motho ka ene. Go bolaya go ne ga tlhaga mo lelapeng la ntlha ka nako ya fa Kaine a ne a bolaya morwarraagwe ebong Abele. Fa e sale go tloga ka nako eo polao e ile ya tswelela pele—mo teng ga malapa, mo teng ga ditso, le mo gare ga merafe. Jaaka fa dibetsa di ntse di nna maatla go ya pele, batho bao ba bolawang ke tsone le bone ba ile ba oketsega. Matlapa le melamu di ile tsa sutela marumo le mara, eleng tseo go ileng ga tsena ditlhobolo le dibomo mo boemong jwa tsone. Go bolawa ga batho ka makgolokgolo go ile ga fetoga go bolawa ga gone ka diketekete; gompieno diketekete di fetogile dimilione. Mme ga go diragale fela mo ntweng mme le ka nako ya kagiso. Seno ga se dirwe ke masole fela mme le ke baagi fela ba bangwe. Ga se dirwe ke bagolo fela mme gape le ke bana. A tirisadikgoka eno e e ntseng e oketsega e tla tsamaya e fela? Fa e le gore seno se ikaegile ka batho, tsholofelo ya gore e tla fela e letobo.—2 Timotheo 3:1-5, 13.

Keresete Jesu o boleletse pele gore nako eno e ne e tla nna nako eo mo go yone morafe o tla tsogologelang morafe o mongwe mo dintweng tsa masisapelo, go lobelwa batho ba le dimilionemilione dintshi. Malwetsi a leroborobo le dithoromo tsa lefatshe di ne di tla fitlha kwa setlhoeng mo mafelong a le mantsi. Motho o ne a tla kgotlela lefatshe go ya bokgakaleng jwa gore kgono ya lone ya go boloka botshelo ka boyone e ne e tla tshosediwa—borasaense ba le bantsi jaanong ba bolela ka poifo eo. Mme ereka motho a rata madi seo se mo dira gore a nne a le kgotlele a sa kgaotse, mme go tla fela fela ka nako ya fa Jehofa Modimo ka boene a tla bo a tsenelela “go senya ba ba senyañ lehatshe.”—Tshenolō 11:18.

Ba le bantsi ba ja ditlhagiso tsa go nna jalo ditshego mme ka go dira jalo ba diragatsa karolo e nngwe ya sesupo se se boleletsweng pele sa metlha ya bofelo: “Lo nntse lo itse mo pele, go re, mo metlheñ ea bohèlō bashotli ba tla tla ka chotlō, ba tsamaea kaha dithatoñ tsa bōnè, Ba re, Polèlō ea choloheco ea go tla ga gagwè e kae? gonne e sa le ka borara ba rōbala, dilō cotlhe di sa nntse di nntse yaka di nntse di nntse le mo tshimologoñ ea popō.”—2 Petere 3:3, 4.

Mme le fa setho se aparetswe ke leru leno le lentsho go na le tsholofelo. Jesu o boleletse pele gore ka nako ya fa a le teng, “mo lehatshiñ” go ne go tla nna le “pitlaganō ea merahe, e rarañwa ke lewatlè le dintèlō go shuma ka kgwashō e kgolo; Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” Mme gape o ne a bolela gore e ne e tla nna nako ya gore “lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.”—Luke 21:25-28.

Merafe e mo pitlaganong, ba le bantsi ba tsosa dikhuduego, mme batho ka bongwe ba a boifa ka ntlha ya dilo tse di tlileng go diragalela lefatshe, mme lefa go ntse jalo ke nako ya gore bao ba letetseng Bogosi jo bo tlang jwa Modimo le Puso ya Dingwaga Tse Di Sekete ya ga Keresete Jesu ba gololwe. Eo e tla bo e le nako ya gore go diragadiwe tsholofetso ya ga Jehofa Modimo ya ‘magodimo a masha le lefatshe le lesha ao go tla agang tshiamo mo go one.’—2 Petere 3:13.

Mme go tla bo go sena ditlhobolo! Go tla bo go sena dipe tse di tlhokafalang mo ntweng. “O khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe; o rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa tlhabanō mo moleloñ.”—Pesalema 46:9.

Go tla bo go sena dipe tse di tlhokafalang gore re itshireletse ka tsone ka namana. “Moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.”—Mika 4:4.

E tla bo e le bathokgami fela bao ba tla bong ba le gone, go tla bo go sena baikepi lefa e le a le mongwe wa bone. “Gonne bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna. Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ, le ba ba dihañ ka bonōñwane ba tla khumolwa mo go yeōna.” (Diane 2:21, 22) Ka nako eo “bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Pesalema 37:11.

Mo matlhong a Modimo tirisadikgoka e senya lefatshe. Mo motlheng wa ga Noa “lehatshe le ne le bodile ha pele ga Modimo, me lehatshe le ne le tletse thubakanyō.” (Genesise 6:11-13) Ka ntlha ya moo, Jehofa o ne a senya lefatshe leo ka Morwalela wa lefatshe lotlhe. Jesu o ne a tshwantshanya go fedisiwa ga lefatshe leno le le tletseng bothubaki la ka nako ya go nna gone ga gagwe a le tshwantshanya le bokhutlo jwa lefatshe leo la bogologolo: “Gonne yaka go le ga nna mo metlheñ euō ea pele ga morwalèla, ba ne ba ya, ba nwa, ba nyala, ba nèwa nyaloñ, go tla go hitlha mo tsatsiñ ye Noa o tsenyeñ mo tluñ e e kokobalañ ka yeōna, Me ba sa itse, morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gōna go tla nna hèla yalo.”—Mathaio 24:38, 39.

Mo lefatsheng le lesha la Modimo mongwe le mongwe yo o tshelang o tla diragatsa Mareko 12:31: “U ratè moñwe ka wèna yaka u ithata.” Le Isaia 11:9: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō: gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa yaka metse a khurumeditse lewatlè.” Mme gape se se tla diragadiwang mo lefatsheng leo le lesha la tshiamo e tla nna maemo a a galalelang ao a tlhalosiwang mo go Tshenolō 21:1, 4: “Me ka bōna legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha; gonne legodimo ya ntlha le hetile, le lehatshe ya pele; le lewatlè ga le tlhole le le leeō. Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” Eleruri, ka nako eo go tla bo go sena batho bape ba ba tla tlholang ba kwakwanta ka ditlhobolo!

Ga go na epe ya diphetogo tseno tse di botlhokwatlhokwa tseo di tla leretseng setho masego eo e tla tlisiwang ke bamenolapuso ka ditlhobolo tsa bone tse di maatla ba ganyaola bao ba leng kgatlhanong le bone. Go na le moo, di tla leriwe ke Jehofa Modimo ka Bogosi jwa gagwe tlase ga Keresete Jesu. Ka jalo Isaia 9:6, 7 e bolela jaana: “Gonne ñwana re mo tsalecwe, ñwana oa mosimane re mo neilwe, me pushō e tla nna mo lerudiñ ya gagwè: me leina ya gagwè le tla bidiwa Kgakgamaco, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara oa Bosakhutleñ, Kgōsana ya Kagishō. Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō, a le mo setuloñ sa bogosi sa ga Dafide, le mo bogosiñ yoa gagwè go bo tlhōmamisa, le go bo tshegetsa ka katlholō le ka tshiamō gompieyeno go ea bosakhutleñ. Tlhōahalō ea ga Yehofa oa moshomōshomō e tla dihatsa selō se.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela