A Bibela Ke Buka Fela E Nngwe?
Fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa e ile ya tlhaselwa ka matlho a mahibidu jaana go ralala histori? A o ka ikanya Bibela? A dikgakgamatso tseo e begang ka tsone ruri di kile tsa diragala? A saense e ile ya supa Bibela gore ga e boammaaruri?
Dikarabo tsa dipotso tseno di botlhokwa, ka gonne Bibela e bolelela pele gore phediso ya lefatshe e atametse mme e bontsha tsela eo go ka falolwang ka yone. Buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? E tla go neela dikarabo tse di kgotsofatsang.
Seno ke bontlhanngwe jwa tiro ya go ruta Bibela lefatshe ka bophara eo e tshegediwang ka meneelo ya boithatelo.