LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • nwt 2 Petere 1:1-3:18
  • 2 Petere

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 2 Petere
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Petere

LEKWALO LA BOBEDI LA GA PETERE

1 Nna Simone Petere, motlhanka le moaposetoloi wa ga Jesu Keresete, ke kwalela lona ba lo amogetseng dithuto tsa boammaaruri tse di tlhwatlhwakgolo tse le rona re di amogetseng.* Rotlhe re di amogetse ka ntlha ya tshiamo ya Modimo wa rona le Mmoloki wa rona e bong Jesu Keresete. Ka re:

2 E kete Modimo a ka lo okeletsa bopelonomi jo bogolo* le kagiso ka gonne lo na le kitso ya boammaaruri+ ka Modimo le ka Jesu Morena wa rona. 3 Gonne maatla a Modimo a re neile dilo tsotlhe tse re di tlhokang gore re tshele botshelo jwa go ineela mo Modimong ka gonne re mo itse sentle. O ne a re bitsa+ ka gonne a le mogolo e bile a le molemo. 4 Ka ntlha ya dilo tseno, o re neile ditsholofetso tsa botlhokwa le tse dikgolo thata,+ gore ka tsone lo nne le mmele wa moya o o tshwanang le wa Modimo,+ ka gonne lo falotse mo lefatsheng le le nang le boitsholo jo bo sa siamang e bile le sa atamalana le Modimo ka ntlha ya dikeletso tse di sa siamang.

5 Ka ntlha ya seno, lekang ka natla+ go nna le tumelo le go dira dilo tse di molemo.+ Lekang ka natla go nna le kitso+ 6 le boikgapo.+ Lekang ka natla go itshoka le go ikanyega mo Modimong.+ 7 Lekang ka natla go rata bakaulengwe ba lona le go rata batho botlhe.+ 8 Gonne fa lo dira dilo tseno e bile di nna di oketsega, di tla dira gore lo se ka lwa nna ditshwakga kgotsa lwa tshwana le setlhare se se sa ungweng+ ka gonne lo sa dirise dilo tse di boammaaruri tse lo di ithutileng ka ga Morena wa rona Jesu Keresete.

9 Gonne fa motho a se na dilo tseno o foufetse ka gonne o gana go bona lesedi,*+ e bile o lebetse gore Modimo o ne a mo tlhapisa mo maleong a gagwe+ a bogologolo. 10 Ka jalo bakaulengwe, e re ka lo biditswe+ e bile lo tlhophilwe, dirang ka natla gore lo tlhomamise gore lo tswelela lo tshwanelega. Fa lo nna lo dira dilo tseno, ga lo kitla lo palelwa ka gope.+ 11 Tota e bile, fa lo dira jalo lo tla amogela masego a magolo e bile lo tla tsena mo Bogosing jo bo sa khutleng+ jwa Morena le Mmoloki wa rona e bong Jesu Keresete.+

12 Ka ntlha ya seno, ke ikaeletse go lo gopotsa dilo tseno ka metlha, le fa gone lo di itse e bile lo ngangatletse boammaaruri jo lo bo ithutileng. 13 Mme ke tsaya gore go siame go lo gopotsa dilo tseno+ gape fa ke sa ntse ke le mo mmeleng* ono,+ 14 ka gonne ke a itse gore go ise go ye kae ke tla tlogela mmele ono, fela jaaka le Morena wa rona Jesu Keresete a ne a mpolelela.+ 15 Ke tla dira bojotlhe ka metlha gore fa ke sena go tsamaya, lo tle lo gopole* dilo tseno ka bolona.

16 Fa re ne re lo itsise maatla a Morena wa rona Jesu Keresete le go nna gone ga gagwe, ga re a ka ra latela dipolelo tsa maaka tse di tlhamilweng ke batho ka boferefere, go na le moo, re ne re bua ka gonne re ne re bone kafa a leng mogolo ka gone.+ 17 Gonne o ne a amogela tlotlo le kgalalelo go tswa kwa go Modimo Rara. Seno se ne sa direga fa Modimo wa kgalalelo a ne a mo raya a re: “Yono ke Morwaake yo o rategang, yo nna ka bonna ke mo amogetseng.”+ 18 Eleruri, re ne ra utlwa mafoko ano a tswa kwa legodimong fa re ne re na le ene kwa thabeng e e tlhophilweng ya Modimo.

19 Ke gone ka moo re neng ra tlhatswega pelo gore sengwe le sengwe se Modimo a se buileng se tla diragala. Lo dira sentle go ela tlhoko dilo tseno tsotlhe. Mo dipelong tsa lona, mafoko ano a tshwanetse go nna jaaka lobone+ lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi. Tswelelang lo dira jalo go fitlha bosigo bo sa le mphatlalatsane+ a tlhaba. 20 Gonne sa ntlha lo itse seno, gore ga go na boporofeti bope jo bo mo Dikwalong Tse di Boitshepo jo bo tswang mo dikakanyong tsa batho. 21 Gonne ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa itsisiwe ka thato ya motho,+ mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong ka gonne ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.+

2 Le fa go ntse jalo, gape go ne go na le baporofeti ba maaka mo bathong ba Iseraele, fela jaaka gape go tla nna le barutisi ba maaka mo go lona.+ Mme batho bano ba tla baka makoko a a tla senyang tumelo ya lona ba dira jalo mo sephiring, e bile ba tla itatola mong wa bone yo o ba rekileng,+ ba itlisetsa tshenyego ka bonako. 2 Mo godimo ga moo, ba le bantsi ba tla dira boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale,*+ mme tsela ya boammaaruri e tla kgobiwa ka ntlha ya bone.+ 3 Gape e re ka ba le pelotshetlha, ba tla lo tsietsa ka maaka. Mme katlholo ya bone e Modimo a sa bolong go dira tshwetso ka yone,+ ga e kitla e diega, mme eleruri ba tla senngwa.+

4 Eleruri Modimo ga a a ka a ithiba go otlhaya baengele ba ba ileng ba leofa,+ mme o ne a ba latlhela mo teng ga Tatarase,*+ a ba golega* mo lefifing le lentshontsho gore ba beelwe katlholo.+ 5 E bile ga a a ka a ithiba go otlhaya lefatshe la bogologolo,+ mme o ne a boloka Noa, moreri wa tshiamo,+ le ba bangwe ba le supa+ fa a ne a tlisa morwalela mo lefatsheng le le tletseng batho ba ba bosula.+ 6 Gape o ne a otlhaya metse ya Sodoma le Gomora; fa a ne a dira metse eo melora fela,+ o ne a bontsha batho ba ba bosula dilo tse di tla diregang.+ 7 Mme o ne a boloka Lote,+ monna yo o siameng, yo o neng a tshwenyegile thata ka boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale* jwa batho ba ba bosula, 8 gonne letsatsi le letsatsi monna yoo yo o siameng, o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke ditiro tsa bone tse di bosula tse a neng a di bona le tse a neng a di utlwa fa a ntse a agile le bone. 9 Ka jalo, Jehofa* o itse kafa a ka gololang batho ba ba ineetseng mo go ene ka gone fa ba le mo tekong,+ mme gape o itse kafa a ka bolokelang batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo ka gone gore ba senngwe,+ 10 segolobogolo ba ba batlang go leswafatsa ba bangwe ka go tlhakanela dikobo le bone+ le ba ba nyatsang taolo.*+

E re ka ba le pelokgale e bile ba rata gore dilo di dirwe ka tsela ya bone, ga ba tshabe go kgoba ba ba galalelang,* 11 mme baengele bone, le fa ba na le nonofo le maatla a magolo, ga ba latofatse barutisi ba maaka ka mafoko a a kgobang, ka gonne ba tlotla* Jehofa.*+ 12 Mme banna bano, ba ba tshwanang le diphologolo tse di sa akanyeng tse di tsaletsweng* go tshwarwa le go bolawa, ba dirisa mafoko a a kgobang fa ba bua ka dilo tse ba sa di itseng.+ Ba tla senngwa ka ntlha ya tsela e e sa siamang e ba tshelang ka yone, 13 ba tla otlhaiwa ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di bosula.

Ba itumelela go ijesa monate ka go tshela botshelo jwa manobonobo,+ tota le fa go le motshegare. Ba tshwana le dipatso mo diaparong le dintho mo sefatlhegong, ba itumedisiwa thata ke go tsietsa batho ba bangwe ka dithuto tsa maaka.+ 14 Ba na le keletso e kgolo ya go dira boaka.*+ Ga ba kgone go tlogela go dira boleo e bile ba raela batho ba ba sa nonofang mo tumelong. Dipelo tsa bone di tletse bopelotshetlha.* Modimo o tla ba atlhola. 15 Ba timeditswe, ka gonne ba tlogetse tsela e e tlhamaletseng. Ba latetse tsela ya ga Balaame+ morwa Beore, yo o ileng a dira se se sa siamang ka gonne a batla go duelwa,+ 16 mme o ne a kgalemelelwa go tlola molao.+ Tonki e e sa kgoneng go bua, e ne ya bua ka lentswe la motho, gore e thibele moporofeti yono gore a se ka a dira se se sa siamang.+

17 Bano ke metswedi e e se nang metsi le mouwane o o kgokgweediwang ke setsuatsue se segolo, mme ba beetswe lefifi le lentshontsho.+ 18 Gonne ba bua dilo tse di utlwalang di le botlhokwa mme gone di se na mosola. Ba dirisa dikeletso tse di sa siamang+ le ditiro tsa boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale* go raela batho ba ba sa tswang go ikgaoganya le batho ba ba dirang dilo tse di bosula.+ 19 Fa ba ntse ba solofetsa batho bao kgololesego, bone ka bobone ke batlhanka ba boleo;+ gonne fa mongwe a fenngwa ke yo mongwe, ke motlhanka wa motho yoo.*+ 20 Eleruri fa e le gore kitso ya boammaaruri ya Morena le Mmoloki wa rona e bong Jesu Keresete e ne ya thusa batho go tlogela dilo tse di leswafatsang tsa lefatshe,+ mme ba bo ba boela gape mo dilong tseo ba di letla gore di ba laole, maemo a bone a nna maswe go feta kwa tshimologong.+ 21 Go ka bo go nnile botoka gore ba se ka ba itse tsela e e siameng le ditaelo tsa Modimo, go na le gore fa ba sena go di itse ba bo ba di tlogela.+ 22 Ba diragaletswe ke se se buiwang ke seane seno se se boammaaruri: “Ntša e boetse kwa matlhatseng a yone, mme kolobe e e neng e tlhapisitswe e boetse gape kwa seretseng gore e ye go bidikama.”+

3 Baratwa, jaanong leno ke lekwalo la bobedi le ke le lo kwalelang, le mo go lone jaaka mo lekwalong la ntlha, ke lo rotloetsang gore lo dirise bokgoni jwa lona jwa go akanya ka go lo gopotsa dilo tse lo setseng lo di itse,+ 2 gore lo gakologelwe mafoko a a neng a buiwa pelenyana* ke baporofeti ba ba ikanyegang le dithuto tsa Morena le Mmoloki wa rona a dirisa baaposetoloi.* 3 Sa ntlha, itseng gore mo metlheng ya bofelo basotli ba tla tla ba sotla e bile ba dira dilo tse di bosula tse ba di eletsang.+ 4 Mme ba tla re: “O solofeditse gore o tla tla, mme jaanong o kae?+ Aitsane, ga go na sepe se se fetogileng fa e sa le go tloga ka nako e borraaronamogolo ba neng ba swa ka yone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse fela jaaka di ne di ntse go tloga ka nako ya fa Modimo a ne a bopa batho.”+

5 Gonne ba itlhokomolosa ntlha eno ka boomo, gore magodimo a nnile teng go tswa bogologolong le gore lefatshe le ne la kgaoganngwa le metsi ka lefoko la Modimo e bile le mo gare ga metsi;+ 6 le gore lefatshe la nako eo le ne la senngwa ka morwalela.+ 7 Mme ka lone lefoko leo, magodimo le lefatshe tse di leng teng gone jaanong di boloketswe molelo, e bile di tla tswelela di le teng go fitlha ka letsatsi la katlholo le go tla senngwang batho ba ba bosula mo go lone.+

8 Le fa go ntse jalo baratwa, lo se ka lwa itlhokomolosa ntlha eno, gore letsatsi le le lengwe mo go Jehofa* le lekana le dingwaga di le sekete, le gore dingwaga di le sekete di lekana le letsatsi le le lengwe.+ 9 Jehofa* ga a bonya ka tsholofetso ya gagwe+ jaaka batho bangwe ba akanya gore o bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore motho ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba ikwatlhaye.+ 10 Le fa go ntse jalo, letsatsi la ga Jehofa*+ le tla tla jaaka legodu,+ mme mo letsatsing leo magodimo a tla nyelediwa+ ka modumo o mogolo,* mme e re ka dilo tse di kwa magodimong le tse di mo lefatsheng di tla bo di le mogote thata, di tla nyerologa e bile lefatshe le dilo tse di mo go lone tse di dirilweng ke motho di tla senolwa.+

11 E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse go nyerologa ka tsela eno, elang tlhoko gore lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe! Lo tshwanetse go dira ditiro tse di boitshepo e bile tsela e lo itshwarang ka yone e tshwanetse go bontsha gore lo ineetse mo Modimong. 12 Nnang lo letetse letsatsi la ga Jehofa*+ e bile lo tswelele lo akantse thata ka lone.* Mo letsatsing leo magodimo a tla senngwa+ ka molelo le dilo tse di kwa magodimong le tse di mo lefatsheng di tla nyerologa mo mogoteng o mogolo! 13 Mme re letetse magodimo a masha le lefatshe le lesha tse a re di solofeditseng,+ mme botlhe ba ba mo go tsone ba tla dira se se siameng ka metlha.+

14 Ka jalo baratwa, e re ka lo letetse dilo tseno, dirang ka natla gore kwa bofelong Modimo a lo fitlhele lo le phepa, lo se na molato e bile lo le mo kagisong.+ 15 Mo godimo ga moo, tsayang bopelotelele jwa Morena wa rona e le tshono ya go bona poloko, fela jaaka mokaulengwe wa rona yo o rategang Paulo a ile a lo kwalela a dirisa botlhale jo a bo filweng ke Modimo.+ 16 Tota e bile, o kwadile ka dilo tseno mo makwalong otlhe a gagwe. Le fa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tse go leng thata go di tlhaloganya mo makwalong ao, mme ba ba se nang kitso* le ba tumelo ya bone e koafetseng ba a di sokamisa, fela jaaka ba dira le ka Dikwalo tse dingwe tsotlhe, mme seo se tla felela ka gore ba senngwe.

17 Ka jalo baratwa, e re ka lona lo itse seno go sa le gale, nnang lo disitse gore batho bao ba ba tlhokomologang molao ba se ka ba lo faposa ka thuto ya bone ya maaka mme tumelo ya lona ya koafala.+ 18 Ke a itse gore lo tla dira jalo, mme gone amogelang bopelonomi jo bogolo* le kitso ya Morena le Mmoloki wa rona e bong Jesu Keresete. A a galalediwe gone jaanong le go ya kwa letsatsing la bosakhutleng. Amen.

Kgotsa “ba ba amogetseng tumelo, ba ba tsewang ba na le tshiamelo e e lekanang le ya rona.”

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa gongwe “o foufetse, o bonela gaufi.”

Seger., “mo motlaaganeng.”

Kgotsa “lo umake.”

Kgotsa “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Ka Segerika, a·sel′gei·a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa gongwe “a ba tsenya mo dikhuting.”

Kgotsa “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Ka Segerika, a·sel′gei·a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Bona Dintlha A5.

Kgotsa “ba ba lebelang borena kwa tlase.”

Go tewa ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong.

Kgotsa “ba fa pele ga ga.”

Bona Dintlha A5.

Kgotsa “tse ka tlholego di tsaletsweng.”

Kgotsa “Matlho a bone a tletse boaka.”

Kgotsa “Ba katisitse dipelo tsa bone gore di nne bogagaru.”

Kgotsa “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Ka Segerika, a·sel′gei·a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “a fenngwa ke sengwe, ke motlhanka wa selo seo.”

Kgotsa “dilo tse di neng tsa bolelelwa pele.”

Seger., “baaposetoloi ba lona.”

Bona Dintlha A5.

Bona Dintlha A5.

Bona Dintlha A5.

Kgotsa “modumo o o sumang.”

Bona Dintlha A5.

Kgotsa “lo eletsa ka tlhoafalo gore le tle.” Seger., “lo le potlakisa.”

Kgotsa “ba ba sa rutiwang.”

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela