LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • nwt Bagalatia 1:1-6:18
  • Bagalatia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bagalatia
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Bagalatia

LEKWALO LE LE KWALETSWENG BAGALATIA

1 Nna Paulo, ga ke a nna moaposetoloi ka ntlha ya motho ope, mme ke nnile ene ka ntlha ya ga Jesu Keresete+ le Modimo Rara,+ yo o tsositseng Jesu mo baswing. 2 Nna le bakaulengwe botlhe ba ba nang le nna, re kwalela diphuthego tsa Galatia:

3 E kete Modimo Rraarona le Morena Jesu Keresete ba ka lo naya bopelonomi jo bogolo* le kagiso. 4 Keresete o ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo+ ka ntlha ya maleo a rona gore a tle a re golole mo lefatsheng leno le le bosula*+ go ya ka thato ya Modimo wa rona le Rara,+ 5 yo o tshwanelwang ke go galalediwa ka bosakhutleng le go ya go ile. Amen.

6 Ke gakgamadiwa ke gore lo tlhanogetse* Modimo ka bonako, ene yo o lo biditseng ka bopelonomi jo bogolo jwa ga Keresete, lo bo lo reetsa mofuta o mongwe wa dikgang tse di molemo.+ 7 Mme ga se gore go na le dikgang tse dingwe tse di molemo; ke fela gore go na le bangwe ba ba lo tshwenyang+ e bile ba batla go sokamisa dikgang tse di molemo ka ga Keresete. 8 Le fa go ntse jalo, tota le fa rona kgotsa moengele mongwe yo o tswang kwa legodimong a ne a ka lo bolelela sengwe a re ke dikgang tse di molemo mme e se dikgang tse di molemo tse re di lo boleletseng, a a hutsege. 9 Jaaka re setse re buile, ke boa gape ke re, Ope fela yo o lo bolelelang sengwe a re ke dikgang tse di molemo mme e se tse lo neng lwa di amogela, a a hutsege.

10 Tota e bile, a ke leka go itumedisa batho kgotsa Modimo? Fa e le gore ke leka go itumedisa batho, ga ke motlhanka wa ga Keresete. 11 Bakaulengwe, ke batla gore lo itse gore dikgang tse di molemo tse ke neng ka di lo bolelela ga di tswe mo bathong;+ 12 gonne ga ke a di amogela mo mothong e bile ga ke a di rutiwa ke motho ope, mme ke di senoletswe ke Jesu Keresete.

13 Ke boammaaruri gore, lo utlwaletse ka tsela e ke neng ke itshwara ka yone fa ke ne ke sa ntse ke latela dithuto tsa Bajuda,+ gore ka metlha ke ne ke bogisa phuthego ya Modimo setlhogo* e bile ke batla go e fedisa;+ 14 mme ke ne ke gatetse pele thata mo dithutong tsa Bajuda go gaisa balekane ba me ba le bantsi ba lotso lwa me, ka gonne ke ne ke tlhoafetse thata mo dingwaong tsa borre.+ 15 Le fa go ntse jalo, Modimo yo o neng a nketsha* mo popelong ya ga mmê a bo a mpitsa ka bopelonomi jwa gagwe jo bogolo,+ o ne a ntirisa 16 go rerela batho ba ditšhaba tse dingwe dikgang tse di molemo gore ba tle ba itse Morwawe.+ Fa a ne a ntlhopha gore ke dire tiro eno, ga ke a ka ka kopa kgakololo ya ga ope.* 17 e bile ga ke a ka ka ya kwa Jerusalema kwa go ba ba nnileng baaposetoloi pele ga me, mme ke ne ka ya kwa Arabia, go tswa foo ka boela kwa Damaseko.+

18 Mme morago ga dingwaga di le tharo, ke ne ka ya kwa Jerusalema+ ke ya go etela Kefase,*+ mme ke ne ka nna le ene malatsi a le 15. 19 Mme ga ke a ka ka bona moaposetoloi ope kwantle ga Jakobe,+ monnawe Morena. 20 Jaanong ka dilo tse ke di lo kwalelang, ke bua boammaaruri fa pele ga Modimo, ga ke ake.

21 Morago ga moo, ke ne ka ya kwa dikgaolong tsa Siria le tsa Kilikia.+ 22 Mme diphuthego tsa kwa Judea tse di neng di le seoposengwe le Keresete di ne di ise di mpone. 23 Ba ne ba tle ba utlwe fela go twe: “Monna yo a neng a re bogisa e bile a tlhasela diphuthego,*+ jaanong o rera dikgang tse di molemo.”+ 24 Ka jalo, ba ne ba simolola go galaletsa Modimo ka ntlha ya me.

2 Go tswa foo, morago ga dingwaga di le 14 ke ne ka ya gape kwa Jerusalema ke na le Barenabase+ le Tito.+ 2 Ke ne ka boela teng ka gonne Morena o ne a ntshenoletse gore ke dire jalo. Ke ne ka kopana fela le bakaulengwe ba ba tlotlegang koo mme ka ba bolelela dikgang tse di molemo tse ke di rerelang batho ba ditšhaba tse dingwe. Ke ne ka dira jalo ka gonne ke ne ke batla go itse gore a se ke se direlang Modimo se siame kgotsa nnyaa. Fa go sa nna jalo, se ke se dirileng e ne e tla bo e le lefela. 3 Tota le Tito,+ yo o neng a na le nna, o ne a sa patelesege go rupa+ le fa e ne e le Mogerika. 4 Mme kgang eo e ne ya tsosiwa ke bakaulengwe ba maaka ba ba neng ba tsena mo phuthegong ka tsela e e bofitlha.+ Ba ne ba batla go senya kgololesego+ e rona barutwa ba ga Keresete Jesu re nang le yone, gore ba tle ba re pateletse go nna batlhanka ba molao gape;+ 5 ga re a ka ra ba ikobela,+ le fa e le ka nakwana fela,* gore lona lo tswelele lo tshegeditse boammaaruri jwa dikgang tse di molemo.

6 Mme fa e le ka banna ba ba tsewang ba le botlhokwa,+ bakaulengwe bao ba ba tlotlegang, tota ga ba a nnaya dikakantsho dipe tse disha. Le fa ba ka tswa ba ne ba na le maemo afe mo nakong e e fetileng, seo ga se dire pharologanyo epe mo go nna, ka gonne Modimo ga a lebe tsela e motho a lebegang ka yone. 7 Le fa go ntse jalo, ba ne ba bona gore ke neilwe tiro ya go rerela batho ba ba sa rupang dikgang tse di molemo,+ fela jaaka Petere a ne a neilwe tiro ya go rerela batho ba ba rupileng dikgang tse di molemo. 8 Modimo o ne a naya Petere maatla a gore a nne moaposetoloi yo o rerelang batho ba ba rupileng, mme le nna Modimo o ne a nnaya maatla a gore ke dire tiro eo mo bathong ba ditšhaba tse dingwe.+ 9 Mme ba ne ba lemoga gore Modimo o mpontshitse bopelonomi jo bogolo,* ka jalo Jakobe,+ Kefase* le Johane, ba ba neng ba tshwana le dipilara,+ ba ne ba tshwara nna le Barenabase+ ka diatla tsa moja go bontsha gore ba dumalana le gore* re ye kwa ditšhabeng tse dingwe, mme bone ba ne ba ya kwa bathong ba ba rupileng. 10 Selo se le sengwe fela se ba re kopileng gore re se dire ke go nna re gopotse bahumanegi, mme ke se ke neng ke ikemiseditse go se dira.+

11 Le fa go ntse jalo, e rile Kefase*+ a tla mo Antioka,+ ke ne ka mo kgalemela,* ka gonne o ne a le phoso. 12 Gonne pele ga banna bangwe ba goroga ba tswa kwa go Jakobe,+ o ne a tle a je le batho ba ditšhaba tse dingwe;+ mme e rile ba tla, a simolola go ikgaoganya le bone ka gonne a tshaba batho ba ba rupileng.+ 13 Bajuda ba bangwe botlhe le bone ba ne ba kopanela le ene mo boitimokanying jono, tota le Barenabase o ne a kopanela le bone mo boitimokanying jwa bone. 14 Mme e rile ke bona gore ba ne ba sa tsamaye go dumalana le boammaaruri jwa dikgang tse di molemo,+ ke ne ka raya Kefase* fa pele ga bone botlhe ke re: “Fa wena, le fa o le Mojuda, o tshela jaaka batho ba ditšhaba tse dingwe mme e seng jaaka Bajuda, goreng o batla gore batho ba ditšhaba tse dingwe ba tshele go ya ka tlwaelo ya Sejuda?”+

15 Rona ba re tshotsweng re le Bajuda, mme re se baleofi ba ba tswang mo ditšhabeng tse dingwe, 16 re a itse gore motho o bolelwa a siame fa fela a dumela+ mo go Jesu Keresete,+ e seng ka gonne a latela molao. Ka jalo, re dumela mo go Keresete Jesu, gore re tle re bolelwe re siame ka gonne re dumela mo go Keresete mme e seng ka gonne re latela molao. Gonne ga go na motho* ope yo o tla bolelwang a siame ka ntlha ya go latela molao.+ 17 Jaanong fa e le gore re fitlhetswe re le baleofi ka gonne re batla go bolelwa re siame ka ntlha ya ga Keresete, a go raya gore Keresete ke ene a re rotloetsang go leofa? Nnyaa le e seng! 18 Gonne fa ke boa ke aga dilo tse ke neng ke di digile, ke tla bo ke sa ikobele molao. 19 E re ka ke ne ke latela molao,+ ke ne ka gololwa mo molaong,* gore ke tshelele Modimo. 20 Ke kokotetswe mo koteng mmogo le Keresete.+ Ga e tlhole e le nna yo ke tshelang,+ mme ke Keresete yo o tshelang a le seoposengwe le nna. Eleruri, botshelo jo ke bo tshelang gone jaanong ke bo tshela go ya ka tumelo e ke nang le yone mo go Morwa Modimo,+ yo o neng a nthata a bo a nketshetsa* setlhabelo ka botshelo jwa gagwe.+ 21 Ga ke gane* bopelonomi jo bogolo jwa Modimo,+ gonne fa e le gore motho o bolelwa a siame ka gonne a latela molao, go raya gore Keresete o swetse lefela.+

3 Bagalatia ke lona ba lo se nang tlhaloganyo! Ke mang yo o lo tsieditseng ka tsela eno e e bosula,+ lona ba lo neng lwa thusiwa go tlhaloganya lebaka la go bo Jesu Keresete a ne a kokotelwa mo koteng?+ 2 Ke batla go lo botsa potso* e le nngwe fela: A lo ne lwa amogela moya o o boitshepo ka gonne lo latela molao kgotsa ka gonne lo dumela se lo se utlwileng?+ 3 A ga lo na tlhaloganyo mo go kalo? Kwa tshimologong lo ne lo ikaegile ka moya o o boitshepo,* a jaanong lo latela dikgopolo tsa batho?*+ 4 A e ne e le ga lefela go bo lo boga? Ga ke dumele gore lo ne lo boga mahala. 5 Ka jalo, yo o lo nayang moya o o boitshepo a bo a dira ditiro tse di maatla+ mo go lona, a o dira jalo ka gonne lo latela molao kgotsa ka gonne lo dumela se lo se utlwileng? 6 A ga se boammaaruri gore Aborahame “o ne a dumela mo go Jehofa,* mme o ne a tsewa e le motho yo o siameng”?+

7 Eleruri lo a itse gore ba ba nang le tumelo ke bone bomorwa Aborahame.+ 8 Bogologolo, Modimo o ne a bua mo dikwalong gore o ne a tla bolela gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba siame ka ntlha ya tumelo ya bone. Ka jalo, o ne a bolelela Aborahame dikgang tse di molemo go sa le pele, a re: “Ditšhaba tsotlhe di tla segofadiwa ka ntlha ya gago.”+ 9 Ka jalo, ba ba nang le tumelo ba segofadiwa mmogo le Aborahame yo o neng a na le tumelo.+

10 Botlhe ba ba latelang molao ba hutsegile, gonne go kwadilwe jaana: “Go hutsegile mongwe le mongwe yo o sa tsweleleng a dira dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo Molaong wa ga Moshe.”+ 11 Mo godimo ga moo, go a bonala gore ga go na ope yo o bolelwang a siame mo Modimong+ ka gonne a latela molao, gonne “mosiami o tla tshela ka ntlha ya tumelo ya gagwe.”+ 12 Jaanong Molao ga o a ikaega ka tumelo. Mme “ope fela yo o dirang dilo tseno o tla tshela ka ntlha ya tsone.”+ 13 Keresete o ne a re reka,+ mme a re golola+ mo phutsong ya Molao ka go nna phutso mo boemong jwa rona, ka gonne go kwadilwe jaana: “Go hutsegile motho mongwe le mongwe yo o pegilweng mo koteng.”+ 14 Seno se ne sa direga gore tshegofatso e Modimo a e solofeditseng Aborahame e tlele ditšhaba ka Keresete Jesu,+ le gore ka ntlha ya tumelo ya rona re tle re amogele moya o Modimo+ a o solofeditseng.

15 Bakaulengwe, ke dirisa sekai seno se batho ba ka se tlhaloganyang: Fa go dirilwe kgolagano, ga go na ope yo o ka e fetolang kgotsa yo o ka e oketsang. 16 Jaanong ditsholofetso di ne tsa bolelelwa Aborahame le losika lwa gagwe.+ Dikwalo ga di re, “le masika a gago,” jaaka e kete go buiwa ka batho ba le bantsi. Mme tsa re, “le losika lwa gago,” e leng Keresete.+ 17 Mo godimo ga moo, ka re: Molao o o nnileng gone morago ga dingwaga di le 430,+ ga o dire gore kgolagano e Modimo a e dirileng mo nakong e e fetileng e fele e bile ga o fedise tsholofetso eno. 18 Gonne fa e le gore Modimo o naya batho boswa ka gonne ba latela molao, go raya gore ga a tlhole a dira jalo ka gonne a bo solofeditse; le fa go ntse jalo, Modimo o ne a nna pelonomi mme a bo naya Aborahame ka gonne a mo solofeditse jone.+

19 Jaanong goreng Molao o ne o tlhomiwa? Re ne ra o newa moragonyana gore o senole melato ya rona,+ go fitlha losika lo lo neng lo solofeditswe tsholofetso eno lo goroga.+ Baengele ba ne ba naya batho Molao+ ba dirisa motsereganyi.+ 20 Ga go tlhokege motsereganyi fa motho a le mongwe, mme Modimo o mongwe. 21 Ka jalo, a Molao o ganetsana le ditsholofetso tsa Modimo? Nnyaa le e seng! Gonne fa e le gore batho ba ne ba neilwe molao o o kgonang go ba naya botshelo, go raya gore ba ne ba tla tsewa ba siame ka gonne ba latela molao oo. 22 Mme Lefoko la Modimo le ne la dira gore dilo tsotlhe di laolwe ke boleo, gore ba ba nang le tumelo ba newe dilo tse di molemo tse di solofeditsweng ba ba dumelang mo go Jesu Keresete.

23 Le fa go ntse jalo, pele ga re dumela mo go Keresete, molao o ne o re disitse e bile o re laola, fa re ntse re letetse se Modimo a neng a tla se senola.+ 24 Ka jalo, Molao o ne wa nna motlhokomedi* wa rona yo o re isang kwa go Keresete+ gore re tle re bolelwe re siame ka ntlha ya tumelo.+ 25 Mme e re ka jaanong re dumela mo go Keresete,+ ga re tlhole re laolwa ke motlhokomedi.*+

26 Tota e bile, lotlhe lo bana ba Modimo+ ka ntlha ya tumelo e lo nang le yone mo go Keresete Jesu.+ 27 Gonne lona lotlhe ba lo neng lwa kolobediwa mo go Keresete, jaanong lo tshwana le Keresete.+ 28 Ga go na Mojuda kgotsa Mogerika,+ ga go na motlhanka kgotsa yo o gololesegileng,+ ga go na monna kgotsa mosadi,+ gonne lotlhe lo motho a le mongwe yo o seoposengwe le Keresete Jesu.+ 29 Mo godimo ga moo, fa lo le ba ga Keresete, tota lo losika lwa ga Aborahame,+ baruaboswa+ ba tsholofetso.+

4 Jaanong ka re, fa fela moruaboswa e sa ntse e le ngwana, ga a farologane ka gope le motlhanka, le fa e ka tswa e le morena wa dilo tsotlhe, 2 mme o laolwa ke mookamedi le balebedi go fitlha letsatsi le rraagwe a sa bolong go le tlhoma le goroga. 3 Ka tsela e e tshwanang le rona, fa re ne re le bana, re ne re akanya e bile re dira dilo jaaka batho ba lefatshe leno.+ 4 Mme e rile nako e e tlhomilweng* e goroga, Modimo o ne a romela Morwawe, yo o neng a tsholwa ke mosadi+ e bile a kaelwa ke molao,+ 5 gore a ntshe tlhwatlhwa ya go golola ba ba kaelwang ke molao,+ gore a tle a re itseele gore re nne bana ba gagwe.+

6 Jaanong ka gonne lo bana, Modimo o rometse moya+ wa Morwawe mo dipelong tsa rona+ mme o goa o re: “Aba,* Rara!”+ 7 Ka jalo, ga o tlhole o le motlhanka mme o morwa; mme fa o le morwa Modimo, gape o tla go naya boswa.+

8 Le fa go ntse jalo, fa lo ne lo sa itse Modimo, lo ne lo le batlhanka ba medimo ya maaka.* 9 Mme e re ka jaanong lo itse Modimo, kgotsa e re ka jaanong Modimo a lo itse, go tla jang gore lo bo lo boela gape kwa dilong tse di se nang mosola tsa lefatshe+ e bile lo batla go nna batlhanka ba tsone gape?+ 10 Lo boloka malatsi le dikgwedi+ le dipaka le dingwaga ka kelotlhoko. 11 Ke tshwenngwa ke gore matsapa a ke a tsereng go lo thusa ke a lefela.

12 Bakaulengwe, ke kopa gore lo nne jaaka nna, ka gonne le nna nkile ka bo ke tshwana le lona.+ Ga lo a ntirela phoso epe. 13 Mme lo a itse gore ke ne ka nna le tshono ya go lo bolelela dikgang tse di molemo lekgetlo la ntlha fa ke ne ke lwala. 14 Mme le fa bolwetse jwa me e ne e le teko mo go lona, ga lo a ka lwa nnyatsa kgotsa ka lo ferosa sebete;* mme lo ne lwa nkamogela jaaka moengele wa Modimo kgotsa jaaka Keresete Jesu. 15 Jaanong boitumelo jo lo neng lo na le jone bo kae? Gonne ke a lo bolelela, fa go ka bo go ne go kgonega, lo ka bo lo ile lwa gonya matlho a lona mme lwa a nnaya.+ 16 A jaanong ke mmaba wa lona ka gonne ke lo bolelela boammaaruri? 17 Batho ba bangwe ba lo batla ka tlhoafalo gore ba lo gape, mme e se ka boikaelelo jo bo siameng; ba batla go lo kgaoganya le nna, gore lo tle lo ba sale morago. 18 Le fa go ntse jalo, ka metlha go molemo gore mongwe a lo batle ka tlhoafalo gore a lo gape, fa fela a dira jalo ka boikaelelo jo bo siameng; mme seno ga se a tshwanela go direga fela fa ke na le lona. 19 Bana ba me ba bannye,+ ke utlwa botlhoko ka ntlha ya lona, mme botlhoko joo bo tshwana le jwa mmê yo o tlogang a belega. Ke tla tswelela ke utlwa botlhoko jono go fitlha lo bontsha botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. 20 Ke eletsa e kete nkabo ke na le lona gone jaanong ke bo ke bua le lona ka tsela e sele, ka gonne ga ke itse gore ke direng ka lona.

21 Mpoleleleng, lona ba lo batlang go latela molao, A ga lo utlwe Molao? 22 Ka sekai, go kwadilwe go twe Aborahame o ne a na le bana ba babedi ba basimane, yo mongwe o ne a mo tsholelwa ke lelata+ mme yo mongwe o ne a mo tsholelwa ke mosadi yo e seng lelata;+ 23 le fa go ntse jalo, morwa yo o neng a tsholwa ke lelata o ne a tsholwa jaaka bana botlhe,*+ mme morwa yo o neng a tsholwa ke mosadi yo e seng lelata, o ne a tsholwa go ya ka se Modimo a neng a se solofeditse.+ 24 Dilo tseno di tshwantshetsa sengwe; gonne basadi bano ba tshwantshetsa dikgolagano tse pedi, e nngwe ke e e dirilweng kwa Thabeng ya Sinai,+ e e dirang gore bana e nne batlhanka, kgolagano eno e tshwana le Hagare. 25 Jaanong Hagare o tshwantshetsa Sinai,+ thaba e e kwa Arabia, mme o tshwana le Jerusalema gompieno, ka gonne ene le bana ba gagwe ke malata. 26 Le fa go ntse jalo, Jerusalema yo o kwa legodimong o tshwana le mmaarona e bile ke mosadi yo e seng lelata.

27 Gonne go kwadilwe jaana: “Itumele, wena mosadi yo o moopa yo o sa belegeng; goa ka boitumelo, wena mosadi yo o se nang ditlhabi tsa pelegi; ka gonne bana ba mosadi yo o tlogetsweng ba bantsi go feta ba yo o nang le monna.”+ 28 Jaanong bakaulengwe, rona re tshwana le Isake, re bana ba ba solofeditsweng.+ 29 Ka nako eo morwa yo o tshotsweng jaaka bana botlhe* o ne a simolola go bogisa morwa yo o tshotsweng ka moya,+ mme le gompieno go ntse jalo.+ 30 Le fa go ntse jalo, lokwalo lwa reng? “Koba lelata leno le morwaalone ka gonne morwa lelata leno ga a ka ke a nna moruaboswa le morwa wa mosadi yo e seng lelata.”+ 31 Ka jalo bakaulengwe, ga re bana ba lelata, mme re bana ba mosadi yo e seng lelata.

5 Keresete o re golotse gore re se ka ra tlhola re laolwa ke Molao wa ga Moshe. Ka jalo, emang lo sa tshikinyege+ mme lo se ka lwa itetla go nna makgoba gape.+

2 Nna Paulo, ke lo raya ke re fa lo rupa, se Keresete a se dirileng ga se kitla se lo tswela mosola.+ 3 Gape ke bolelela mongwe le mongwe yo o rupang gore o patelesega go latela Molao otlhe wa ga Moshe.+ 4 Lo kgaogane le Keresete fa e le gore lo bolelwa lo siame ka gonne lo latela molao;+ lo katogetse kgakala le bopelonomi jwa gagwe jo bogolo.* 5 Mme rona, moya wa Modimo o dira gore re nne re letile ka tlhoafalo e bile re solofetse go bona maduo a go bo re kailwe re siame ka ntlha ya tumelo ya rona. 6 Gonne fa re le barutwa ba ga Keresete Jesu, go rupa kgotsa go sa rupe ga go na mosola,+ mme tumelo e motho a e bontshang ka ditiro a tlhotlhelediwa ke lorato, ke yone e e nang le mosola.

7 Lo ne lo dira dilo sentle.*+ Ke mang yo o neng a lo kgoreletsa gore lo se ka lwa tswelela lo ikobela boammaaruri? 8 Tlhotlheletso eno ga e tswe mo Modimong yo o lo bitsang. 9 Sebediso se sennye se bedisa bupi jotlhe jo bo dubilweng.+ 10 Ke tshepa gore lona barutwa ba ga Jesu,+ lo tla dumalana le nna; motho ope fela yo o lo tshwenyang,+ le fa e ka tswa e le mang, o tla amogela katlholo e e mo tshwanelang. 11 Mme nna bakaulengwe, fa e le gore ke sa ntse ke ruta batho gore ba rupe, ke ka ntlha yang fa ke sa ntse ke bogisiwa? Fa go ntse jalo, go raya gore kota ya tlhokofatso*+ ga e tlhole e kgopisa ba ba nkganetsang. 12 Ke eletsa gore banna ba ba lo rayang ba re lo rupe ba ikgaole bonna.*

13 Bakaulengwe, Modimo o ne a lo tlhopha gore lo gololesege; lo se ka lwa dirisa kgololesego eno go diragatsa dikeletso tse di sa siamang,+ mme a lorato lo le tlhotlheletse go direlana.+ 14 Gonne Molao otlhe wa ga Moshe o diragaditswe* ka taelo e le nngwe, e e reng: “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.”+ 15 Mme, fa lo nnela go utlwisana botlhoko le go bogisana,+ lo mo kotsing ya go nyeletsana.+

16 Mme ka re, nnang lo kaelwa ke moya+ mme ga lo kitla lo diragatsa dikeletso tse di sa siamang.+ 17 Gonne dikeletso tse di sa siamang ga di dumalane le moya, e bile moya wa Modimo one ga o dumalane le dikeletso tse di sa siamang; dilo tseno di a ganetsana, mo e leng gore ga lo dire dilo tse lo batlang go di dira.+ 18 Mo godimo ga moo, fa e le gore lo kaelwa ke moya wa Modimo, ga lo laolwe ke molao.

19 Jaanong ditiro tsa mmele o o nang le boleo, di kgona go bonala sentle. Ditiro tseo ke boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo,*+ boitshekologo,* boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale,*+ 20 kobamelo ya medingwana,+ go dirisana le badimo,* go nna setlhogo, dikgogakgogano, go boloka sekgopi, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, makoko, 21 lefufa, botagwa,+ meletlo ya botlhapelwa, le dilo tse di tshwanang le tseno.+ Ke lo tlhagisa go sa le pele ka dilo tseno, ka tsela e ke setseng ke lo tlhagisitse ka yone, gore ba ba dirang dilo tseo ga ba kitla ba rua Bogosi Jwa Modimo.+

22 Ka fa letlhakoreng le lengwe, maungo a moya o o boitshepo ke lorato, boitumelo,* kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo,+ tumelo, 23 bonolo le boikgapo.+ Ga go na molao ope o o kgatlhanong le dilo tseno. 24 Mo godimo ga moo, ba e leng ba ga Keresete ba bolaile maikutlo le dikeletso tse di sa siamang.+

25 Fa e le gore re letla moya wa Modimo o kaela matshelo a rona, a re tsweleleng re tsamaya ka thulaganyo re kaelwa ke moya.+ 26 A re se ka ra ikgogomosa,+ ra gaisana,+ ra nna pelotshetlha.

6 Bakaulengwe, fa mongwe a tsaya tsela e e phoso mme a sa lemoge, lona Bakeresete ba ba tshwanelegang, lekang go busetsa motho yoo mo tseleng e e siameng lo dira jalo ka bonolo.+ Mme nnang lo ipeile leitlho,+ gore le lona lo se ka lwa raelwa go dira phoso.+ 2 Tswelelang lo thusana mekgweleo ya lona,+ mme fa lo dira jalo, lo tla bo lo diragatsa molao wa ga Keresete.+ 3 Gonne fa mongwe a akanya gore o botlhokwa mme a se botlhokwa,+ o a itsietsa. 4 Mme a mongwe le mongwe a tlhatlhobe ditiro tsa gagwe,+ foo o tla nna le lebaka la go itumelela se a se dirileng ka gonne a sa ipapise le motho yo mongwe.+ 5 Gonne mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.*+

6 Mo godimo ga moo, a motho yo o rutiwang* lefoko la Modimo, le yo o mo rutang ba abelane dilo tsotlhe tse di molemo.+

7 Lo se ka lwa itsietsa: Modimo ga a sotliwe. Gonne sengwe le sengwe se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape;+ 8 ka gonne yo o jalelang mmele wa gagwe o o nang le boleo o tla roba go bola mo mmeleng wa gagwe, mme yo o kaelwang ke moya o o boitshepo o tla roba botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya moya o o boitshepo.+ 9 Ka jalo, a re se ka ra lesa go dira se se molemo, gonne ka nako e e siameng re tla roba fa re sa lape.*+ 10 Ka jalo, fa fela re sa ntse re kgona,* a re direleng batho botlhe se se molemo, mme segolobogolo badumedimmogo le rona.

11 Bonang gore ke lo kwaletse ka ditlhaka tse dikgolo jang ka seatla sa me.

12 Botlhe ba ba batlang go itumedisa batho ba bangwe ke bone ba ba lekang go lo pateletsa gore lo rupe, mme ba dira jalo gore ba tle ba se ka ba bogisediwa kota ya tlhokofatso* ya ga Keresete. 13 Gonne tota le bone ba ba rupang ga ba boloke Molao wa ga Moshe,+ mme ba batla gore lona lo rupe gore ba tle ba nne le lebaka la go ikgantsha ka lona. 14 Ga ke batle gore le ka motlha ke ikgantshe, fa e se go ikgantsha ka Morena wa rona Jesu Keresete,+ yo o swetseng mo koteng ya tlhokofatso.* Ke tsaya lefatshe le atlholetswe loso* ka ntlha ya gagwe, mme lefatshe lone le ntsaya ke atlholetswe loso ka ntlha ya gagwe. 15 Gonne go rupa kgotsa go sa rupe ga go botlhokwa,+ mme se se botlhokwa ke gore Modimo o dira gore o nne motho yo mosha.+ 16 Mme a kagiso le kutlwelobotlhoko di nne mo go botlhe ba ba tsamayang ka molao ono, le mo go Iseraele wa Modimo.+

17 Go tloga jaanong a go se nne le ope yo o ntshwenyang, ka gonne mmele wa me o na le mabadi a a bontshang gore ke motlhanka wa ga Jesu.+

18 Bakaulengwe, e kete Morena Jesu Keresete a ka lo naya bopelonomi jo bogolo* ka ntlha ya moya o montle o lo nang le one. Amen.

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seger., “mo tsamaisong ya dilo ya jaanong e e bosula.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “lo tlositswe mo.”

Seger., “mo go feteletseng.”

Kgotsa “nkentsha.”

Seger., “ya nama le madi.”

Gape o bidiwa Petere.

Seger., “tumelo.”

Seger., “ka ura.”

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Gape o bidiwa Petere.

Seger., “ka seatla sa moja gore re tsamaye mmogo.”

Gape o bidiwa Petere.

Kgotsa “ka emelana le ene.”

Gape o bidiwa Petere.

Seger., “nama.”

Seger., “ke ne ka swa malebana le molao.”

Kgotsa “nkentshetsa.”

Kgotsa “kgaphele kwa thoko.”

Seger., “go itse selo.”

Seger., “Fa lo sena go simolola ka moya.”

Seger., “lo feleletsa ka nama?”

Bona Dintlha A5.

Kgotsa “mogogi.”

Kgotsa “mogogi.”

Seger., “nako e e feletseng.”

Lefoko la Sehebera kgotsa la Searamaika le le kayang “Rre!”

Seger., “ba tota e seng medimo.”

Kgotsa “kgotsa lwa nkgwela mathe.”

Seger., “go ya ka nama.”

Seger., “go ya ka nama.”

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seger., “Lo ne lo siana sentle.”

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “ba nne baopafadiwa,” gore ba se ka ba tlhola ba tshwanelega go latela molao o ba neng ba o buelela.

Kgotsa gongwe “o sobokantswe.”

Ka Segerika, por·nei′a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Ka Segerika, a·sel′gei·a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “boloi.”

Kgotsa “boipelo.”

Kgotsa “maikarabelo a gagwe.”

Kgotsa “yo o rutiwang ka molomo.”

Kgotsa “re sa ineele.”

Seger., “re na le nako e e tlhomilweng.”

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “le bolaetswe mo koteng.”

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela