MIKA
1 Seno ke se Jehofa a neng a se bolelela Mika*+ wa kwa Moreshethe, mo metlheng ya ga Jothame,+ Ahase+ le Hesekia,+ dikgosi tsa Juda,+ mme o ne a se mmolelela mo ponatshegelong e e ka ga Samarea le Jerusalema:
2 “Utlwang, lona lotlhe ditšhaba!
Tlhwaya tsebe, wena lefatshe le se se tletseng mo go wena,
Jehofa o mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo.
A Morena Molaodimogolo Jehofa a go latofatse.+
3 Gonne Jehofa o tswa mo lefelong la gagwe;
Mme o tla fologa a bo a gata mo mafelong a a kwa godimo a lefatshe.
4 Dithaba di tla gakologa ka fa tlase ga gagwe,+
Mme mekgatšha* e tla phatloga ka bogare
Jaaka mafura fa pele ga molelo,
Jaaka metsi a a tshologelang mo mokgokoloseng.
5 Seno sotlhe se direga ka ntlha ya botlhanogi jwa ga Jakobe,
Ka ntlha ya maleo a a dirilweng ke ditlogolwana tsa* Iseraele.+
Ke mang yo o tshwanetseng go pegwa molato ka se Jakobe a se dirileng?
A ga se Samarea?+
Mme go pegwe mang molato ka mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a Juda?+
A ga se Jerusalema?
6 Ke tla dira Samarea mokoa wa maje,
Lefelo le go jalwang masimo a morara* mo go lone;
Ke tla latlhela* maje a gagwe mo mokgatšheng,
E bile ke tla senola metheo ya gagwe.
7 Ditshwantsho tsa gagwe tsotlhe tse di betlilweng di tla thubaganngwa,+
Mme dimpho tsotlhe tse a neng a ithekisa gore a nne le tsone* di tla fisiwa ka molelo.+
Ke tla senya medingwana yotlhe ya gagwe.
Gonne o ne a e kokoanya ka dituelo tse a di boneng fa a ne a gweba ka mmele,
Mme di tla boa di tsewa gore go duelwe bagwebakammele ba bangwe.”
8 Ka ntlha ya seno, ke tla bokolela ke bo ke lela mo go botlhoko;+
Ke tla tsamaya ke sa rwala ditlhako e bile ke sa apara sepe.+
Ke tla bokolela jaaka bophokoje,
E bile ke tla hutsafala jaaka bontšhe.
Petso e anametse kwa kgorong ya batho ba me, e anametse kwa Jerusalema.+
10 “Lo se ka lwa itsise seno kwa Gathe;
Lo se ka lwa lela gotlhelele.
Bidikamang mo loroleng mo Bethe-afera.*
11 Kgabaganyang lo sa apara sepe e bile lo tlhabilwe ke ditlhong, lona banni ba* Shafire.
Banni ba* Saanane ga ba a tswa.
Go tla bokolelwa kwa Bethe-esele, mme ga e kitla e lo ema nôkeng.
12 Gonne banni ba* Marothe ba letetse se se molemo,
Le fa go ntse jalo, se se bosula se fologile se tswa kwa go Jehofa se ya kwa kgorong ya Jerusalema.
13 Golegelelang kara mo setlhopheng sa dipitse, lona banni ba* Lakishe.+
Ke lona lo neng lwa dira gore morwadia Siona a simolole go leofa,
Gonne botlhanogi jwa Iseraele bo ne jwa fitlhelwa mo go lona.+
14 Ka jalo, o tla naya Moreshethe-gathe dimpho tsa go kgaogana.*
Matlo a kwa Akesibe+ a ne a tsietsa dikgosi tsa Iseraele.
15 Ke sa ntse ke tla lo tlisetsa mongwe yo o tla lo fenyang,*+ lona banni ba* Mareshahe.+
Kgalalelo ya Iseraele e tla ya go fitlha kwa Adulama.+
16 Itireng lefatla lo bo lo pome meriri ya lona ka ntlha ya bana ba lona ba lo ba ratang thata.
Itireng lefatla jaaka ntsu,
Ka gonne ba tserwe mo go lona ba isiwa botshwarwa.”+
2 “Ruri go latlhega ba ba logang maano a a utlwisang botlhoko,
Ba ba akanyang se se bosula mo malaong a bone!
Ka masa ba bo ba se diragatsa,
Ka gonne go le mo maatleng a bone.+
2 Ba eletsa masimo e bile ba a a gapa;+
Le matlo, e bile ba a a tsaya;
Ba tsietsa motho gore ba mo tseele ntlo ya gagwe,+
Ba tsietsa motho gore ba mo tseele boswa jwa gagwe.
3 Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang:
‘Jaanong ke rulaganya go lo tlisetsa masetlapelo+ a lo se kitlang lo a falola.*+
Ga lo kitla lo tlhola lo tsamaya ka mabela,+ ka gonne ke nako ya masetlapelo.+
Ba tla re: “Re gapetswe dilo tsa rona!+
Modimo o ne a tsaya naga ya rona a bo a e naya batho ba bangwe,+
O e neile setšhaba se se sa mo direleng.”
5 Ka jalo, ga o kitla o nna le ope mo phuthegong ya ga Jehofa yo o tla phuthololang mogala o o lekanyang
Gore a kgaoganye naga.
6 “Tlogelang go rera!” bone ba a rera,
“Dilo tseno ga di a tshwanela go rerwa;
Ga re kitla re tlontlololwa!”
7 Lona ditlogolwana tsa ga Jakobe, lo utlwile batho ba re:
“A Jehofa o fedile pelo?
A tseno ke ditiro tsa gagwe?”
A mafoko a me ga a thuse ba ba inkobelang?
8 Le fa go ntse jalo, bosheng jaana batho ba me ba fetogile mmaba.
Ba ba fetang ka tsela ba le pelokgale jaaka ba ba boang kwa ntweng,
Lo ba tseela mokgabisa o montle mmogo le* seaparo lo sa iphitlhe.
9 Lo leleka basadi ba batho ba me mo matlong a bone a ba itumelelang go nna mo go one;
Lo amoga bana ba bone dilo tse dintlentle tse ke ba segofaditseng ka tsone lo bo lo sa di ba busetse.
10 Ema mme o tsamaye, ka gonne leno ga se lefelo la go ikhutsa.
Go na le tshenyo, tshenyo e kgolo+ ka ntlha ya ditiro tsa gago tse di seng phepa.+
11 Fa motho a dira dilo tse di se nang mosola e bile a tsietsa le go bua maaka ano a re:
“Ke tla lo rerela ka beine le ka senô se se tagang,”
Foo e tla bo e le motho fela yo o rerelang batho bano!+
Ke tla ba baya mmogo ka kutlwano, jaaka dinku di le mo lesakeng,
Jaaka letsomane le le fulang mmogo;+
Go tla utlwala modumo wa batho ba bantsi.’+
13 Yo o phunyang phatlha o tla tsamaya kwa pele ga bone;
Ba tla oketsa phatlha eo ba bo ba feta mo kgorong mme ba tla tswa ka yone.+
Kgosi ya bone e tla fetela kwa pele ga bone,
Jehofa a le kwa pele ga bone.”+
3 Ke ne ka re: “Tsweetswee, utlwang lona ditlhogo tsa ditlogolwana tsa ga Jakobe
Le lona balaodi ba batho ba Iseraele.+
A ga lo a tshwanela go itse se se siameng?
2 Le fa go ntse jalo, lo tlhoile se se siameng+ mme lo rata se se bosula;+
Lo gagola letlalo la batho ba me le nama mo marapong a bone.+
3 Gape lo ja nama ya batho ba me,+
E bile lo ntsha letlalo la bone,
Lo tšhwetlakanya marapo a bone, lo kgaoganya marapo a bone+
Jaaka marapo a a apeilweng mo pitseng,* jaaka nama e e mo pitseng e e apeelang.
4 Ka nako eo, ba tla goela kwa go Jehofa gore a ba thuse,
Mme ga a kitla a ba araba.
5 Seno ke se Jehofa a se buang ka baporofeti ba ba faposang batho ba gaetsho,+
Ba ba reng ‘Kagiso!’+ fa ba na le sengwe se ba ka se tlhafunang+
Mme fa go se na ope yo o ba nayang se ba ka se tlhafunang, ba a mo lwantsha:*
6 ‘Lo tla nna le bosigo;+ ga go kitla go nna le ponatshegelo epe;+
Lo tla bona lefifi fela, ga lo kitla lo dira boitseanape.
Letsatsi le tla phirimela baporofeti,
E bile motshegare o tla fetoga lefifi mo go bone.+
7 Ba ba bonang diponatshegelo ba tla tlhabiwa ke ditlhong,+
Le ba ba dirang tiro ya boitseanape ba tla swaba.
Botlhe fela ba tla tshwanelwa ke go ikhurumetsa ditedu tse di fa godimo ga molomo*
Ka gonne ga go na karabo epe e e tswang kwa Modimong.’”
8 Mme nna, ke tletse maatla ka ntlha ya moya wa ga Jehofa,
E bile ke tletse tshiamiso le nonofo
Gore ke bolelele Jakobe botlhanogi jwa gagwe le Iseraele boleo jwa gagwe.
9 Tsweetswee, utlwang seno lona ditlhogo tsa ditlogolwana tsa ga Jakobe
Le lona balaodi ba batho ba Iseraele,+
Ba lo tlhoileng tshiamiso le ba lo sokamisang dilo tsotlhe tse di tlhamaletseng,+
10 Ba lo agang Siona ka go bolaya batho le ba lo agang Jerusalema ka tshiamololo.+
11 Baeteledipele* ba gagwe ba atlhola ba gabile pipamolomo,+
Baperesiti ba gagwe ba ruta ba gabile tlhwatlhwa,+
Le baporofeti ba gagwe ba dira boitseanape ba gabile madi.*+
Le fa go ntse jalo, ba ikaega ka Jehofa,* ba re:
“A Jehofa ga a na le rona?+
Ga re kitla re tlelwa ke masetlapelo ape.”+
12 Ka jalo ka ntlha ya lona,
Siona o tla lemiwa fela jaaka tshimo,
Jerusalema o tla fetoga mekoa ya marope,+
4 Mo metlheng ya bofelo,
Thaba e ntlo ya ga Jehofa e leng mo go yone+
E tla tia thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba,
E bile e tla tsholelediwa kwa godimo ga dithota,
Mme merafe e tla ologela kwa go yone.+
2 Ditšhaba di le dintsi di tla tla di bo di re:
“Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa
Le kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe.+
O tla re ruta ditsela tsa gagwe,
Mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.”
Gonne molao* o tla tswa kwa Siona,
Le lefoko la ga Jehofa le tla tswa kwa Jerusalema.
3 O tla atlhola merafe e le mentsi+
A bo a tlhamalatsa* dilo mo ditšhabeng tse di maatla tse di kgakala.
Ba tla fetola ditšhaka tsa bone ba di dira megoma*
Le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.+
Setšhaba ga se kitla se lwa le setšhaba se sengwe,*
E bile ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.+
4 Mongwe le mongwe wa bone o tla nna ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa morara*
le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige,+
Mme ga go na ope yo o tla ba tshosang,+
Ka gonne Jehofa wa masomosomo* o buile jalo.
5 Setšhaba sengwe le sengwe se tla ikobela* modimo wa sone,
Mme rona re tla ikobela* Jehofa, Modimo+ wa rona ka bosakhutleng le go ya go ile.
6 Jehofa a re, “Mo letsatsing leo,
Ke tla phutha motho* yo o neng a tlhotsa,
Ke bo ke phutha yo o neng a phatlaladitswe,+
Mmogo le yo ke neng ke mo tshwere setlhogo.
7 Motho* yo o neng a tlhotsa ke tla mo tlogelela masalela,+
Le yo o neng a leleketswe kgakala ke tla mo dira setšhaba se se maatla;+
Mme Jehofa o tla busa e le kgosi ya bone mo Thabeng ya Siona,
Go tloga jaanong le go ya bosakhutleng.
8 Mme wena, wena tora ya letsomane,
Thotana ya ga morwadia Siona,+
Puso ya ntlha* e tla tla kwa go wena, eleruri e tla tla,+
Bogosi jwa morwadia Jerusalema.+
9 Jaanong ke ka ntlha yang fa o goela kwa godimo?
A ga o na kgosi,
Kgotsa a mogakolodi wa gago o nyeletse,
Mo e leng gore o mo ditlhabing jaaka mosadi yo o belegang?+
10 Wena morwadia Siona, nna mo ditlhabing tse di botlhoko thata mme o kgaratlhe
Jaaka mosadi yo o belegang,
Gonne jaanong o tla tswa mo motseng o bo o ya go nna kwa nageng.
O tla tsamaya go ya go fitlha kwa Babelona.+
11 Jaanong ditšhaba di le dintsi di tla phuthiwa gore di go tlhasele;
Di tla re, ‘A a itshekololwe,
Mme a matlho a rona a bone seno fa se diragalela Siona.’
12 Le fa go ntse jalo, ga ba itse dikakanyo tsa ga Jehofa,
Ga ba tlhaloganye boikaelelo* jwa gagwe;
Gonne o tla ba phutha jaaka dingata tsa dijo tsa ditlhaka tse di sa tswang go rojwa tse di isiwang kwa seboaneng.
13 Ema o phothe, wena morwadia Siona;+
Gonne ke tla fetola dinaka tsa gago gore e nne tshipi,
E bile ke tla fetola ditlhakwana tsa gago gore e nne kopore,
Mme o tla sila ditšhaba di le dintsi.+
O tla naya Jehofa dikhumo tse ba di utswileng,
E bile dithoto tsa bone o tla di naya Morena wa boammaaruri wa lefatshe lotlhe.”+
Ba itaya moatlhodi wa Iseraele mo lerameng ka thobane.+
2 Mme wena, Bethelehema Eferatha,+
Wena yo monnye thata gore o ka nna mo diketeng* tsa Juda,
Mo go wena go tla tswa mongwe yo o tla nnang mmusi mo Iseraele mo boemong jwa me,+
Yo o simologileng mo metlheng ya bogologolo, mo malatsing a bogologolo.
3 Ka jalo, Modimo o tla tlogela batho ba gagwe
Go fitlha ka nako ya fa mosadi wa moimana a belega.
Mme bomorwarraagwe ba bangwe botlhe ba tla boela kwa bathong ba Iseraele.
Mme ba tla nna ka pabalesego,+
Ka gonne jaanong bogolo jwa gagwe bo tla fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.+
Fa Moasiria a ka tlhasela lefatshe la rona a bo a gataka ditora tsa rona tse di sireletsegileng,+
Re tla tlhoma badisa ba le supa gore ba mo tlhasele,
ruri re tla tlhoma dikgosana* di le robedi go tswa mo bathong.
Mme o tla re golola mo seatleng sa Moasiria,+
Fa a tlhasela lefatshe la rona le fa a gataka naga ya rona.
7 Ba ba setseng ba ga Jakobe ba tla nna mo ditšhabeng di le dintsi
Jaaka monyo o o tswang kwa go Jehofa,
Jaaka dipula tse dikgolo mo dimeleng,
Tse di sa solofeleng mo mothong
Kgotsa tse di sa leteleng bomorwa batho.
8 Ba ba setseng ba ga Jakobe ba tla nna mo ditšhabeng,
Mo merafeng e le mentsi,
Ba tla nna jaaka tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa,
Jaaka tawana* mo gare ga matsomane a dinku,
E e di ralalang e bo e tlola e di phamola e di gagolaka;
Mme go se na ope yo o di gololang.
9 O tla tsholeletsa baba ba gago seatla,
Mme o tla fedisa baba ba gago botlhe.”
10 Jehofa a re, “Mo letsatsing leo,
Ke tla fedisa dipitse tsa gago ke bo ke senya dikara tsa gago.
11 Ke tla senya metse e e mo lefatsheng la gago
Ke bo ke diga mafelo otlhe a gago a a sireletsegileng.
13 Ke tla senya ditshwantsho tsa gago tse di betlilweng le dipilara tsa gago,
Mme ga o kitla o tlhola o ikobela tiro ya diatla tsa gago.+
15 Ke tla ipusolosetsa mo ditšhabeng tse di neng tsa se ka tsa ikoba
Ke galefile e bile ke shakgetse.”
6 Tsweetswee, utlwang se Jehofa a se buang.
Emang, tlisang kgang ya lona fa pele ga dithaba,
Mme a dithota di utlwe lentswe la lona.+
2 Lona dithaba, utlwang kgang ya ga Jehofa,
Lona metheo e e tlhomameng ya lefatshe;+
Gonne Jehofa o na le kgang le batho ba gagwe,
O tla ngangisana le Iseraele, a re:+
3 “Batho ba me, ke lo dirile eng?
Ke lo lapisitse ka eng?+
Mpontsheng molato wa me.
4 Gonne ke ne ka lo ntsha kwa lefatsheng la Egepeto,+
Ke ne ka lo golola kwa lefatsheng la bokgoba;+
Ke ne ka romela Moshe, Arone le Miriame kwa pele ga lona.+
5 Batho ba me, tsweetswee gakologelwang se Kgosi Balake wa kwa Moabe a neng a se ikaeletse,+
Le kafa Balaame morwa Beore a neng a mo araba ka teng.+
Gakologelwang se se neng sa direga go simologa kwa Shitime+ go ya kwa Gilegala,+
Gore lo tle lo itse ditiro tse di siameng tsa ga Jehofa.”
6 Ke tla tla fa pele ga ga Jehofa ka eng?
Ke tla ikoba fa pele ga Modimo yo o kwa godimo ka eng?
A ke tla tla fa pele ga gagwe ka ditlhabelo tse di fisiwang di feletse,
Ka dinamane tse di nang le ngwaga o le mongwe?+
7 A Jehofa o tla itumelela diphelefu di le dikete,
A o tla itumelela leokwane le lentsintsi?+
A ke tla ntsha leitibolo la me ka ntlha ya boleo jwa me,
E leng ngwana wa me ka ntlha ya boleo jwa me?+
8 Wena motho, Modimo o go boleletse se se molemo.
Mme ke eng se Jehofa a se kopang* mo go wena?
9 Lentswe la ga Jehofa le tlhaeletsa kwa motseng;
Ba ba nang le botlhale jo bo mosola ba tla boifa leina la gago.
Reetsang ka kelotlhoko kotlhao e e tlang lo bo lo reetse yo o e tlisang.*+
10 A mo ntlong ya modirabosula go sa ntse go na le matlotlo a a kokoantsweng ka go dira ditiro tse di bosula
Le selekanyo* se se sa tlhomamang se se makgapha?
11 A nka nna phepa mo boitsholong* ke na le dikale tsa tsietso,
Ke na le kgetsi ya dilekanyabokete tsa leje tsa boferefere?+
12 Gonne banna ba gagwe ba ba humileng ba rata thubakanyo,
Le banni ba gagwe ba bua maaka;+
Loleme lwa bone lo a tsietsa.+
13 “Ka jalo, ke tla go itaya botlhoko;+
Ke tla go otlhaela maleo a gago.
14 O tla ja mme ga o kitla o kgotsofala;
O tla tshwarwa ke tlala.+
Se o se ntshang, ga o kitla o tsamaya ka sone ka pabalesego,
Mme se o kgonneng go tsamaya ka sone, ke tla se neelela tšhaka.
15 O tla jala peo, mme ga o kitla o roba.
O tla gata maungo a motlhware, mme ga o kitla o dirisa leokwane;
E bile o tla dira beine e ntšha, mme ga o kitla o nwa beine.+
16 Gonne lo ikobela melao ya ga Omeri, lo etsa dilo tse ditlogolwana tsa ga Ahabe di di dirang,+
E bile lo tsamaya mo dikgakololong tsa bone;
Ke gone ka moo ke tla lo otlhayang.
7 Ruri ke tlhomola pelo! Ka gonne ke tshwana le motho
Yo e reng fa go sena go phuthiwa maungo a selemo
Le fa go sena go selwa se se setseng morago ga go fula morara*
A bo a sa bone morara o a ka o jang,
Kgotsa feige e e buduleng e a e eletsang!
2 Motho yo o ikanyegang o nyeletse mo lefatsheng;
Ga go na ope yo o siameng mo bathong.+
Botlhe fela ba lalela batho gore ba ba bolaye.+
Mongwe le mongwe wa bone o tsoma morwarraagwe ka letlowa.
3 Ke ditswerere mo go direng se se bosula;+
Kgosana e pateletsa batho go ntsha sengwe,
Moatlhodi o batla go duelwa,+
Motho yo o tumileng o bua se a se eletsang,+
Mme ba buisana mmogo ka seno.*
4 Yo o molemo go ba gaisa botlhe o tshwana le mmitlwa,
Yo o siameng go ba gaisa botlhe o bosula thata go gaisa legora la mmitlwa.
Letsatsi le balebeledi ba gago ba buileng ka lone le tla tla.+
Mme ba tla tshoga.+
5 O se ka wa dumela molekane wa gago
Kgotsa wa ikanya tsala e o atamalaneng le yone.+
Ela tlhoko se o se buang le motho yo o lalang mo sehubeng sa gago.
6 Gonne morwa o nyatsa rraagwe,
Morwadi o lwantsha mmaagwe,+
E bile ngwetsi e tlhasela matsalaayone;+
Motho o tlhoiwa ke batho ba lelapa la gagwe.+
7 Mme nna, ke tla nna ke lebeletse Jehofa.+
Ke tla letela Modimo wa poloko ya me ka bopelotelele.+
Modimo wa me o tla nkutlwa.+
8 O se ka wa itumela ka gonne ke le mo mathateng, wena mmaba wa me.
Le fa gone ke ole, ke tla ema;
Le fa gone ke nna mo lefifing, Jehofa o tla nna lesedi la me.
9 Ke tla itshokela tšhakgalo ya ga Jehofa
Go fitlha a seka kgang ya me a bo a ntirela tshiamiso,
Gonne ke mo leofetse.+
O tla ntlisa mo leseding;
Ke tla bona tshiamo ya gagwe.
10 Mmaba wa me le ene o tla bona seo,
Mme yo o neng a nthaya a re: “Jehofa, Modimo wa gago o kae?”+
O tla tlhabiwa ke ditlhong.
Ke tla leba mmaba wa me.
O tla gatakwa jaaka seretse mo mebileng.
11 E tla nna letsatsi la go aga dipota tsa gago tsa maje;
Mo letsatsing leo, molelwane o tla atolosiwa.*
12 Mo letsatsing leo, ba tla tla kwa go wena
Ba tswa kwa Asiria le kwa metseng ya Egepeto,
Ba tswa kwa Egepeto go fitlha kwa Nokeng;*
Ba tswa kwa lewatleng go fitlha kwa lewatleng, ba tswa kwa thabeng go fitlha kwa thabeng.+
13 Mme lefatshe le tla fetoga sekaka ka ntlha ya batho ba ba nnang mo go lone,
Ka ntlha ya se ba se dirileng.*
14 Disa batho ba gago ka thobane ya gago, letsomane la boswa jwa gago,+
Yo o neng a nna a le esi mo sekgweng, mo tshingwaneng ya maungo.
A ba fule mo Bashana le mo Gileade+ jaaka mo metlheng ya bogologolo.
15 “Ke tla mmontsha dilo tse di gakgamatsang+
Jaaka mo motlheng wa fa lo ne lo tswa kwa lefatsheng la Egepeto.
16 Ditšhaba di tla bona seo di bo di tlhabiwa ke ditlhong le fa gone di le maatla.+
Ba tla baya seatla sa bone mo molomong wa bone;
Ditsebe tsa bone di tla thibana.
17 Ba tla latswa lorole jaaka dinoga;+
Ba tla tswa mo dikagong tsa bone tse di thata ba roroma jaaka digagabi.
Ba tla tla kwa go Jehofa, Modimo wa rona ba tshogile,
Mme ba tla mmoifa.”+
18 Ke Modimo ofe yo o tshwanang le wena,
Yo o itshwarelang phoso e bile a tlhokomologa molato+ wa masalela a boswa jwa gagwe?+
Ga a kitla a tswelela a galefile ka bosakhutleng,
Gonne o itumedisiwa ke go rata batho ka lorato lo lo sa kgaotseng.+
19 Gape o tla re utlwela botlhoko;+ o tla fenya* maleo a rona.
O tla latlhela maleo otlhe a bone mo tengteng ga lewatle.+
20 O tla bontsha gore o ikanyega mo go Jakobe,
O tla bontsha Aborahame lorato lo lo sa kgaotseng,
Fela jaaka o ne wa ikanela borraaronamogolo go tswa metlheng ya bogologolo.+
Khutshwafatso ya leina Mikaele, (mo go kayang “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?”) kgotsa Mikaia (mo go kayang “Ke Mang yo o Tshwanang le Jehofa?”).
Kgotsa “mabala a a kwa tlase.”
Seheb., “ntlo ya.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “tshololela.”
Kgotsa “Mme dituelo tsotlhe tse a di boneng fa a ne a gweba ka mmele.”
Kgotsa “mo ntlong ya ga Afera.”
Seheb., “Wena mosadi yo o nnang mo.”
Seheb., “Wena mosadi yo o nnang mo.”
Seheb., “mosadi yo o nnang mo.”
Seheb., “mosadi yo o nnang mo.”
Kgotsa “go mo tsamaisa sentle.”
Kgotsa “mongwe yo o tla lo gapelang.”
Seheb., “wena mosadi yo o nnang mo.”
Seheb., “a lo se kitlang lo ntsha melala ya lona mo go one.”
Kgotsa gongwe “o o mo.”
Kgotsa “mo pitseng e e apeelang e e molomogolo.”
Seheb., “ba itshepisa ntwa.”
Kgotsa “go ikhurumetsa melomo.”
Seheb., “Ditlhogo.”
Kgotsa “selefera.”
Kgotsa “ba ipolela fa ba ikaegile ka Jehofa.”
Kgotsa “thaba ya tempele.”
Kgotsa “taelo.”
Kgotsa “baakanya.”
Seheb., “magale a megoma.”
Seheb., “se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “molomo wa ga Jehofa wa masomosomo.”
Seheb., “tsamaya mo leineng la.”
Seheb., “tsamaya mo leineng la ga.”
Seheb., “mosadi.”
Seheb., “Mosadi.”
Kgotsa “ya pele.”
Kgotsa “kgakololo.”
Kgotsa “dikgotleng.”
Kgotsa “baeteledipele.”
Kgotsa “tawana e e seriri.”
Seheb., “jo bo mo seatleng sa gago.”
Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “a se lebeletseng.”
Kgotsa “o nne tekatekano.”
Kgotsa “o nne pelonomi o bo o rate batho ba bangwe ka boikanyegi.” Seheb., “o rate lorato lo lo sa kgaotseng.”
Kgotsa “Reetsang thobane ka kelotlhoko le yo o e tlhomileng.”
Seheb., “ifa.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “A nka tlhoka molato.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “ba loga seno ba le mmogo.”
Kgotsa gongwe “taelo e tla bo e le kgakala.”
Go tewa Euferatese.
Seheb., “Ka ntlha ya maungo a ditiro tsa bone.”
Kgotsa “gataka.”