LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • nwt Jona 1:1-4:11
  • Jona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jona
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Jona

JONA

1 Jehofa o ne a raya Jona*+ morwa Amitai a re: 2 “Ya kwa Ninife+ motse o mogolo, mme o bolelele batho ba teng gore ke bone bosula jwa bone.”

3 Mme Jona o ne a leka go tshabela kgakala le Jehofa ka go ya kwa Tareshishe; o ne a ya kwa Jopa a bo a fitlhela sekepe se se yang kwa Tareshishe. Ka jalo, o ne a duela madi a loeto mme a se palama gore a ye kwa Tareshishe le batho ba ba neng ba le mo sekepeng gore a tshabele kgakala le Jehofa.

4 Foo Jehofa o ne a romela phefo e e maatla kwa lewatleng mme ga nna setsuatsue mo lewatleng mo sekepe se neng se tloga se thubega. 5 Batsamaisi ba sekepe ba ne ba tshogile thata mo mongwe le mongwe wa bone a neng a goela kwa modimong wa gagwe a kopa thuso. Ba ne ba simolola go latlhela merwalo e e mo sekepeng mo lewatleng gore se nne motlhofo.+ Mme Jona o ne a le kwa karolong e e kwa teng ya sekepe* a robetse. 6 Molaodi wa sekepe o ne a ya kwa go ene mme a mo raya a re: “O robaletse eng? Tsoga, o goele kwa modimong wa gago! Gongwe Modimo wa boammaaruri o tla re utlwela botlhoko, mme ga re kitla re nyelela.”+

7 Ba ne ba raana ba re: “Tlang, a re latlheleng bola,+ gore re tle re itse gore re tletswe ke masetlapelo ano ka ntlha ya ga mang.” Ka jalo, ba ne ba latlhela bola mme bola jwa supa Jona.+ 8 Ba ne ba mo raya ba re: “Tsweetswee, a ko o re bolelele, ke molato wa ga mang go bo masetlapelo ano a re wetse? Tiro ya gago ke eng, mme o tswa kae? O tswa kwa nageng efe, le gone o tswa mo setšhabeng sefe?”

9 O ne a ba araba a re: “Ke Mohebera, mme ke boifa* Jehofa Modimo wa magodimo, ene yo o dirileng lewatle le lefatshe.”

10 Fa banna bano ba utlwa seno ba ne ba boifa le go feta ka gonne o ne a setse a ba boleletse gore o ne a tshabela Jehofa. Foo ba ne ba mmotsa jaana: “O dirile eng?” 11 Mme lewatle le ne le ntse le fuduegela pele, ka jalo ba ne ba mo raya ba re: “Re dire eng ka wena gore lewatle le didimale?” 12 O ne a ba raya a re: “Ntsholetsang lo ntatlhele mo lewatleng, mme lewatle le tla didimala; ka gonne ke a itse gore lo tletswe ke setsuatsue seno ka ntlha ya me.” 13 Le fa go ntse jalo, banna bano ba ne ba leka go ntsha sekepe mo setsuatsueng gore ba se ise kwa lotshitshing, mme ba ne ba sa kgone ka gonne lewatle le ne le fuduegela pele.

14 Ba ne ba goela kwa go Jehofa mme ba re: “Ao tlhe Jehofa, tsweetswee, o se ka wa re nyeletsa ka ntlha ya monna yono! O se ka wa re bona molato ka ntlha ya loso lwa motho yo o se nang molato, ka gonne wena Jehofa o dirile se se go itumedisang.” 15 Go tswa foo, ba ne ba tsholetsa Jona mme ba mo latlhela mo lewatleng; mme lewatle la sisibala. 16 Mme banna bano ba ne ba boifa Jehofa fela thata,+ ka jalo ba ne ba isetsa Jehofa setlhabelo ba bo ba dira maikano.

17 Jaanong Jehofa o ne a romela tlhapi e kgolo gore e kometse Jona, mme Jona a nna mo mpeng ya tlhapi malatsi a le mararo le masigo a le mararo.+

2 Go tswa foo, Jona o ne a rapela Jehofa Modimo wa gagwe a le mo mpeng ya tlhapi,+ 2 mme a re:

“Ke ne ka rapela Jehofa ke le mo matshwenyegong, mme a nkaraba.+

Ke ne ka goa ke le mo teng ga* Lebitla* ke kopa thuso.+

O ne wa utlwa lentswe la me.

 3 E rile o ntatlhela mo tengteng ga lewatle,

Foo metsi a ne a nkhurumetsa.+

Makhubu a gago a a maatla a ne a feta mo godimo ga me.+

 4 Ke ne ka re, ‘O nteleketse kgakala le wena!’

Ke tla bona tempele ya gago e e boitshepo jang gape?’

 5 Metsi a ne a nkhurumetsa a bo a tsenya botshelo jwa me mo kotsing;+

Metsi a a kwa tengteng a ne a mphekeetsa.

Mefero e ne e ithatheletse mo tlhogong ya me.

 6 Ke ne ka nwela kwa tlase kwa metheong ya dithaba.

Dikgoro tsa lefatshe di ne di ntswaletse ka bosakhutleng.

Mme o ne wa ntsha botshelo jwa me mo mosimeng o o boteng, wena Jehofa Modimo wa me.+

 7 Fa ke ne ke tloga ke swa, ke ne ka go gopola Jehofa.+

Foo o ne wa utlwa thapelo ya me mo tempeleng ya gago e e boitshepo.+

 8 Ba ba obamelang medingwana e e se nang mosola ba latlhile yo o ba ratang ka lorato lo lo sa kgaotseng.*

 9 Mme nna, ke tla go ntshetsa setlhabelo ka go go leboga ka lentswe la me.

Ke tla diragatsa maikano a me.+

Poloko e tswa kwa go Jehofa.”+

10 Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ne a laela tlhapi gore e tlhatsetse Jona mo lefatsheng, mme e ne ya dira jalo.

3 Go tswa foo, Jehofa o ne a bua le Jona lekgetlo la bobedi a re:+ 2 “Ya kwa Ninife+ motse o mogolo, mme o o bolelele molaetsa o ke go bolelelang one.”

3 Ka jalo, Jona o ne a ikobela lefoko la ga Jehofa,+ a ya kwa Ninife.+ Jaanong Ninife e ne e le motse o mogolo thata,* o o neng o ka tsamaiwa sekgala sa malatsi a mararo. 4 Go tswa foo, Jona o ne a tsena mo motseng, mme a tsamaya sekgala sa loeto lwa letsatsi a ntse a re: “Go setse malatsi a le 40 fela, Ninife e bo e senngwa.”

5 Mme batho ba Ninife ba ile ba dumela mo Modimong+ ba bo ba bolela gore go itingwe dijo go bo go aparwe letsela la kgetsi, go simolola ka yo mogolo go fitlha ka yo monnye. 6 Fa kgosi ya Ninife e utlwa molaetsa oo, e ne ya ema mo setulong sa yone sa bogosi ya apola seaparo sa yone sa segosi mme ya apara letsela la kgetsi e bo e nna mo meloreng. 7 Mo godimo ga moo, e ne ya laela gore go itsisiwe mo Ninife yotlhe go twe,

“Ka taelo ya kgosi le batlotlegi ba yone: Go se nne le motho ope kgotsa phologolo epe, motlhape ope kgotsa letsomane lepe, le le jang sepe gotlhelele. Go se ka ga jewa dijo e bile go se ka ga nowa metsi ape. 8 A ba apare letsela la kgetsi, motho le phologolo; mme a ba goele kwa Modimong ka tlhoafalo mme ba tlogele mekgwa ya bone e e bosula le ditiro tsa bone tse di setlhogo. 9 Ke mang yo o itseng gore gongwe Modimo wa boammaaruri a ka fetola* se a ikaeletseng go se dira a bo a ithiba mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang, gore re se ka ra nyelela?”

10 Fa Modimo wa boammaaruri a bona se ba neng ba se dira, gore ba ne ba tlogetse mekgwa ya bone e e bosula,+ o ne a se ka a ba tlisetsa* masetlapelo a a neng a rile o tla a tlisa.+

4 Mme gone, seno se ne se sa itumedise Jona ka gope, mme o ne a tuka bogale. 2 Ka jalo, o ne a rapela Jehofa a re: “Ao tlhe Jehofa, a seno ga se se ke neng ke tshwenyega ka sone fa ke ne ke le kwa lefatsheng la gaetsho? Ke gone ka moo kwa tshimologong ke neng ka leka go tshabela kwa Tareshishe;+ gonne ke ne ke itse gore o Modimo yo o pelotlhomogi* le yo o kutlwelobotlhoko, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng+ le yo o utlwisiwang botlhoko ke masetlapelo. 3 Jaanong tlhe Jehofa, tsweetswee mma ke swe ka gonne go botoka gore ke swe go na le gore ke tshele.”+

4 Jehofa o ne a mmotsa a re: “A go siame go bo o tuka bogale?”

5 Go tswa foo, Jona o ne a tswa mo motseng mme a nna fa fatshe kwa ntlheng ya botlhaba jwa motse. O ne a itirela loobo* a bo a nna mo moriting wa lone gore a bone se se tla diragalelang motse.+ 6 Ka jalo, Jehofa Modimo o ne a tlhogisa semela sa segwana,* a dira gore se gole mme se direle Jona moriti le go mo golola mo khutsafalong. Jona o ne a itumelela semela sa segwana fela thata.

7 Mme mo letsatsing le le latelang ka masa, Modimo wa boammaaruri o ne a romela seboko gore se tlhasele semela sa segwana mme semela seo sa omelela. 8 Fa letsatsi le tlhaba, Modimo o ne a romela phefo ya botlhaba e e fisang, mme letsatsi le ne la fisa Jona gore a bo a idibale. O ne a nna a kopa gore a swe mme o ne a nna a re: “Go botoka gore ke swe go na le gore ke tshele.”+

9 Modimo o ne a botsa Jona a re: “A go siame go bo o tuka bogale ka ntlha ya semela sa segwana?”+

O ne a araba a re: “Ke na le tshwanelo ya go tuka bogale, ke tuke bogale mo e bileng ke batla go swa.” 10 Mme Jehofa o ne a mo raya a re: “O ne wa utlwela semela sa segwana botlhoko, se o sa se jalang e bile o sa dira gore se gole; se ne sa gola mo bosigong bo le bongwe mme sa swa mo bosigong bo le bongwe. 11 A le nna ga ke a tshwanela go utlwela Ninife motse o mogolo botlhoko,+ o o nang le batho ba ba fetang 120 000 ba ba sa itseng pharologanyo fa gare ga se se siameng le se se sa siamang,* mmogo le diphologolo tsa bone tse dintsi?”+

Mo go kayang “Leeba.”

Kgotsa “kwa boalong jo bo kwa tlase jwa sekepe.”

Kgotsa “obamela.”

Seheb., “mo mpeng ya.”

Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa gongwe “ga ba tlhole ba ikanyega.”

Seheb., “motse o mogolo mo Modimong.”

Kgotsa “a ka ikwatlhaela.”

Kgotsa “o ne a ikwatlhaela.”

Kgotsa “pelontle.”

Bona “Moletlo wa Diobo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa gongwe “semela sa castor-oil.”

Kgotsa “fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela