SEFELA SA DIFELA
1 Sefela sa difela,* sa ga Solomone:+
3 Leokwane le o le itshasitseng le nkga monate.+
Leina la gago le tshwana le leokwane le le nkgang monate le le itshelwang.+
Ke gone ka moo makgarebe a go ratang.
4 Ntseye o tsamaye le nna;* a re siane.
Kgosi e ntlisitse mo diphaposing tsa yone tse di kwa teng!
A re itumele mmogo.
A re bake* ditsela tse o bontshang lorato ka tsone go gaisa beine.
Go a tshwanela go bo ba* go rata.
5 Ke motshwana,* mme gone ke montle, lona bomorwadia Jerusalema,
Jaaka ditente tsa Kedare,+ jaaka matsela a tente+ ya ga Solomone.
6 Lo se ka lwa ntlhoma matlho ka gonne ke le motshwana,
Ka gonne letsatsi le mpabotse.
Bokgaitsadiake ba ne ba nkgalefela;
Ba ne ba ntlhoma gore ke nne motlhokomedi wa masimo a morara,*
Le fa ke ne ke sa kgone go tlhokomela tshimo ya me ya morara.
7 Wena yo ke go ratang thata, mpolelele
Kwa o disang letsomane la gago gone,+
Kwa o le bothisang gone motshegare.
Goreng ke tshwanetse go nna jaaka mosadi yo o ikhurumeditseng ka letsela*
Fa gare ga matsomane a balekane ba gago?”
8 “Fa e le gore ga o itse, wena yo montle thata go gaisa basadi ba bangwe botlhe,
Sala motlhala wa letsomane morago
Mme o fudise dipotsane tsa gago gaufi le ditente tsa badisa.”
9 “Moratiwa wa me, ke go tshwantshitse le pitse nngwe* e namagadi e e mo dikareng tsa ga Faro.+
10 Marama a gago a kgabisitswe ka dibenyane,*
Molala wa gago one o kgabisitswe ka dibaga.
11 Re tla go direla dibenyane* tsa gauta
Tse di kgomareditsweng selefera.”
12 “Fa kgosi e nna fa tafoleng ya yone e e sediko,
Senkgisamonate*+ sa me se ntsha lonko lwa sone lo lo monate.
13 Mo go nna, moratiwa wa me o tshwana le kgetsi ya borekhu jo bo nkgang monate*+
E e nnang fa gare ga mabele a me bosigo.
14 Mo go nna, moratiwa wa me o tshwana le semela sa hena se se nkgang monate+
Fa gare ga masimo a morara a Ene-gedi.”+
15 “O montle moratiwa.
O montle tota. Matlho a gago ke a maeba.”+
16 “O montle moratiwa, e bile o a itumedisa.+
Bolao jwa rona bo mo gare ga matlhare a ditlhare.
17 Dikota tsa ntlo* ya rona ke tsa masedara,
Ditlhomeso tsa rona tsone ke tsa ditlhare tsa mofira.
2 “Fela jaaka lelômô la lesoma mo mmitlweng,
Moratiwa wa me o ntse jalo fa gare ga basetsana.”
3 “Fela jaaka setlhare sa diapole fa gare ga ditlhare tsa sekgwa,
Moratiwa wa me o ntse jalo fa gare ga bana ba basimane.
Ke eletsa thata go nna mo moriting wa gagwe,
E bile leungo la gagwe le botshe fa ke le ja.
4 O ne a ntlisa mo ntlong ya mokete,*
E bile mongwe le mongwe o ne a bona gore o a nthata.
5 Ntapoloseng ka dikuku tsa morara* o o swabisitsweng;+
Mpheng diapole,
Ka gonne ke lwadiwa ke lorato.
6 Seatla sa gagwe sa molema se ka fa tlase ga tlhogo ya me,
E bile seatla sa gagwe sa moja se a ntlamparela.+
Lo se ka lwa leka go tsosa kgotsa go kurusa lorato mo go nna go fitlha lone lo tsoga.+
8 Ke utlwa moratiwa wa me a tla!
Bonang! Ke yole o etla,
O palama dithaba, o tlola dithota.
9 Moratiwa wa me o tshwana le tshephe, o tshwana le kgama e tonanyana e nnye.+
Ke yole, o eme ka fa morago ga lobota lwa rona,
O tlhodumetse ka difensetere,
O okometse ka matlhabaphefo.
10 Moratiwa wa me o a bua, o nthaya a re:
‘Ema moratiwa wa me,
Montlenyane wa me, tla, a re tsamaye.
11 Mariga* a fetile.
Dipula di kgaoditse, di tsamaile.
12 Malômô* a tlhogile mo nageng,+
Nako ya go poma dikala e gorogile,+
E bile go utlwala modumo wa leeba mo nageng ya rona.+
13 Maungo a ntlha a setlhare sa mofeige a a butswa;+
Ditlhare tsa morara di thuntse e bile di ntsha lonko lwa tsone lo lo monate.
Ema moratiwa wa me mme o tle.
Montlenyane wa me, tla, a re tsamaye.
14 Ao tlhe leeba la me, mo lefelong le le sireletsegileng mo lefikeng,+
Mo lefelong la go itshuba mo thabeng e e kwa godimo,
Mma ke go bone ke bo ke utlwe lentswe la gago,+
Gonne lentswe la gago le monate e bile o montle.’”+
15 “Re tshwareleng bophokoje,
Bophokoje ba bannye ba ba senyang masimo a morara,
Gonne masimo a rona a morara a thuntse.”
16 “Moratiwa wa me ke wa me, mme nna ke wa gagwe.+
O disitse letsomane+ fa go nang le malômô a masoma gone.+
17 Go fitlha phefonyana ya letsatsi e foka* le meriti e tshaba,
Boa ka bonako, wena moratiwa wa me,
Jaaka tshephe+ kgotsa kgama e tonanyana e nnye+ e e mo dithabeng tse di mo gare ga rona.*
3 “Ke ne ka batla moratiwa wa me+
Ke le mo bolaong jwa me bosigo.
Ke ne ka mmatla, mme ga ke a ka ka mmona.+
2 Ke tla tsoga ke bo ke tsamayatsamaya mo motseng;
Mma ke batle moratiwa wa me
Mo mebileng le mo dipatlelong.
Ke ne ka mmatla, mme ga ke a ka ka mmona.
3 Balebeledi ba ba tsamayatsamayang ba disitse motse ba ne ba mpona.+
Ke ne ka ba botsa ka re, ‘A ga lo ise lo bone moratiwa wa me?’
4 Fela fa ke sena go ba feta,
Ke fa ke bona moratiwa wa me.
Ke ne ka mo ngangatlela, ka se ka ka mo lesa gore a tsamaye
Go fitlha ke mo tlisa mo ntlong ya ga mmê,+
Mo phaposing e e kwa teng ya yo o neng a nkimile.
5 Ke a lo ikanisa, lona bomorwadia Jerusalema,
Ka ditshephe le dikgama tse dinamagadi ka re:
Lo se ka lwa leka go tsosa kgotsa go kurusa lorato mo go nna go fitlha lone lo tsoga.”+
6 “Ke eng seno se se tlang se tswa kwa nageng se e keteng mosi o montsintsi,
Se se nkgisitsweng monate ka borekhu jo bo nkgang monate,*
Le ka dinkgisamonate tsotlhe tse di rekisiwang ke mogwebi?”+
7 “Ke setulo* sa ga Solomone.
Se dikologilwe ke banna ba ba maatla ba le masome a marataro,
Banna ba Iseraele ba ba maatla,+
8 Botlhe ba ne ba tshotse ditšhaka,
Botlhe ba katiseditswe ntwa,
Mongwe le mongwe a gatlhile tšhaka mo letlhakoreng la gagwe
Gore a itshireletse mo dikotsing tsa bosigo.”
9 “Ke setulo sa segosi se se kukiwang sa ga Kgosi Solomone
Se a se itiretseng ka ditlhare tsa kwa Lebanona.+
10 O dirile dipilara tsa sone ka selefera,
Ditshegetso tsa sone ka gauta.
Fa a nnang teng mo go sone go dirilwe ka wulu e phepole;
Bomorwadia Jerusalema
Ba se kgabisitse bontle ka fa teng.”
11 “Tswang, lona bomorwadia Siona,
Lo ye go leba Kgosi Solomone
A rwele serwalo sa lenyalo* se mmaagwe+ a mo diretseng sone
Ka letsatsi la lenyalo la gagwe,
Ka letsatsi la fa pelo ya gagwe e ne e itumetse.”
4 “O montle moratiwa.
O montle tota.
Matlho a gago ke a maeba mo lesireng la gago.
Moriri wa gago o tshwana le letsomane la dipodi
Tse di fologang mo dithabeng tsa Gileade.+
2 Meno a gago a tshwana le letsomane la dinku tse di sa tswang go beolwa
Tse di tswang go tlhapisiwa,
Tsotlhe fela e le tse di tsalang mafatlha,
E bile go se na epe ya tsone e e swetsweng ke dikwanyana.
3 Molomo wa gago o tshwana le tlhale e khibidu,
E bile se o se buang se a itumedisa.
Marama* a gago mo lesireng la gago
A tshwana le kapetla ya garanata.
4 Molala+ wa gago o tshwana le tora ya ga Dafide,+
E e agilweng ka maje a a tlhatlagantsweng
E go kgwageditsweng dithebe di le sekete mo go yone,
Dithebe tsotlhe tse di kgolokwe tsa banna ba ba maatla.+
5 Mabele a gago a tshwana le bana ba tshephe ba babedi,
Ditshetshwana tsa mafatlha,+
Tse di fulang malômô* a masoma.”
6 “Go fitlha phefonyana ya letsatsi e foka* le meriti e tshaba,
Ke tla ya kwa thabeng ya ditlhare tsa mera*
8 Tla le nna re tswe mo Lebanona, monyadiwa wa me,
Tla le nna re tswe mo Lebanona.+
Fologa mo godimo ga thaba ya Amana,*
Mo godimo ga thaba ya Senire, e leng thaba ya Heremone,+
O tswe mo mengobong ya ditau, mo dithabeng tsa mangau.
9 O gapile pelo ya me,+ kgaitsadiaka, wena monyadiwa wa me,
O gapile pelo ya me ka go nkgadima gangwe fela,
Ka mokgabisa o o mo sebageng sa gago.
10 Ruri ditsela tse o bontshang lorato ka tsone di a kgatlha,+ kgaitsadiaka, wena monyadiwa wa me!
Ditsela tse o bontshang lorato ka tsone di botoka thata go gaisa beine,+
Le lonko lwa senkgisamonate sa gago lo gaisa dinkgisamonate dipe fela!+
11 Monyadiwa wa me, molomo wa gago o botshe jaaka tswina ya dinotshe.+
Loleme lwa gago lo ntse jaaka mashi le tswina ya dinotshe,+
E bile lonko lo lo monate lwa diaparo tsa gago lo tshwana le lonko lo lo monate lwa kwa Lebanona.
12 Kgaitsadiake, monyadiwa wa me, o tshwana le tshingwana e e lotletsweng,
Tshingwana e e lotletsweng, motswedi o o tswetsweng thata.
13 Matlhogela* a gago ke paradaise* ya digaranata,
E e nang le maungo a a a gaisang otlhe, dimela tse di nkgang monate tsa hena le tsa naredo,
14 Naredo+ le saferone, lotlhaka*+ le sinamone,+
Le ditlhare tsa mefuta yotlhe tsa lebano,* mera* le mekgwapha,*+
Mmogo le dinkgisamonate tsotlhe tse di di gaisang.+
15 O motswedi wa tshingwana, sediba sa metsi a a phepa,
Le melatswana e e elelang go tswa kwa Lebanona.+
16 Tsoga, wena phefo ya bokone;
Tsena, wena phefo ya borwa.
Foka ka iketlo mo tshingwaneng ya me.
A lonko lwa yone lo lo monate lo aname.”
“A moratiwa wa me a tle mo tshingwaneng ya gagwe
Mme a je maungo a yone a a a gaisang otlhe.”
5 “Ke tsene mo tshingwaneng ya me,+
Wena kgaitsadiaka, monyadiwa wa me.
Ke phuthile borekhu jwa me jo bo nkgang monate* le senkgisamonate sa me.+
Ke jele lomepe lwa me lwa dinotshe le tswina ya me ya dinotshe;
Ke nole beine ya me le mashi a me.”+
“Jang lona ditsala tse di rategang!
Nwang mme lo tagwe ke lorato!”+
2 “Ke robetse, mme pelo ya me yone e tsogile.+
Ke utlwa moratiwa wa me a kokota!”
‘Mpulele tlhe kgaitsadiaka, wena moratiwa wa me,
Leeba la me, motho wa me yo o se nang molato!
Gonne tlhogo ya me e kolobeditswe ke monyo,
Metshopho ya moriri wa me e kolobeditswe ke bongola jwa bosigo.’+
3 Ke apotse seaparo sa me se setelele.
A ke se apare gape?
Ke tlhapile dinao tsa me.
A ke di leswafatse gape?
4 Moratiwa wa me o ne a busetsa seatla sa gagwe morago mo lerobeng la kgoro,
Mme maikutlo a me a ne a fuduega ka ntlha ya gagwe.
5 Ke ne ka tsoga gore ke bulele moratiwa wa me;
Diatla tsa me di ne di rotha borekhu jo bo nkgang monate,
Le menwana ya me e ne e rotha borekhu jo bo nkgang monate jo bo metsi,
Bo rothela mo llokong.
6 Ke ne ka bulela moratiwa wa me,
Mme moratiwa wa me o ne a boile, o ne a tsamaile.
Ke ne ka hutsafala fa a ne a tsamaya.*
Ke ne ka mmatla, mme ga ke a ka ka mmona.+
Ke ne ka mmitsa, mme ga a a ka a nkaraba.
7 Balebeledi ba ba tsamayatsamayang ba disitse motse ba ne ba mpona.
Ba ne ba ntitaya, ba nkgobatsa.
Balebeledi ba dipota ba ne ba tsaya kojwana* ya me mo go nna.
8 Ke a lo ikanisa, lona bomorwadia Jerusalema, ka re:
Fa lo bona moratiwa wa me,
Lo mmolelele gore ke a lwala ka ntlha ya lorato.”
9 “Moratiwa wa gago o gaisa banna ba bangwe ka eng,
Wena yo montle thata go gaisa basadi ba bangwe botlhe?
Moratiwa wa gago o gaisa banna ba bangwe ka eng,
Fa o re ikanisa ka tsela e e ntseng jaana?”
10 “Moratiwa wa me o montle e bile o mohibitswana;
O tlhomologile thata mo go ba le dikete di le lesome.
11 Tlhogo ya gagwe ke gauta, gauta e e di gaisang tsotlhe.
Metshopho ya moriri wa gagwe e tshwana le dikala tse di akgegang tsa setlhare sa mokolane,*
Moriri wa gagwe o montsho jaaka legakabe.
12 Matlho a gagwe a tshwana le maeba a a gaufi le metswedi ya metsi,
A a tlhapang mo mashing,
A a ntseng gaufi le mogobe o o penologang.*
13 Marama a gagwe a tshwana le tshingwana ya dinkgisamonate,+
Mekoa ya ditlhatshana tse di nkgang monate.
Molomo wa gagwe ke malômô* a masoma, a a rothang borekhu jo bo nkgang monate jo bo metsi.+
14 Diatla tsa gagwe ke disilendara tsa gauta, tse di tsentsweng leje la kerusolete.
Mpa ya gagwe ke lonaka lwa tlou lo lo phatsimisitsweng lo lo khurumeditsweng ka maje a safire.
15 Maoto a gagwe ke dipilara tsa mmabole tse di tlhomilweng mo metheong e e khuti ya gauta e e di gaisang tsotlhe.
O montle jaaka naga ya Lebanona, ga a gaisiwe ke ope fela jaaka ditlhare tsa masedara.+
Yono ke moratiwa wa me, yono ke mokapelo wa me, lona bomorwadia Jerusalema.”
6 “Moratiwa wa gago o ile kae,
Wena yo montle thata go gaisa basadi ba bangwe botlhe?
Moratiwa wa gago o fapogetse kae?
Mma re go mmatlise.”
2 “Moratiwa wa me o ile kwa tshingwaneng ya gagwe,
Kwa tshingwaneng ya dimela tsa dinkgisamonate,
Go ya go disa letsomane teng
3 Moratiwa wa me ke wa me,+
Mme nna ke wa gagwe.
O disitse letsomane fa go nang le malômô a masoma gone.”+
4 “Wena moratiwa wa me,+ o montle jaaka Tiresa,*+
O montle jaaka Jerusalema,+
O jesa kgakge jaaka masole a dikologile difolaga tsa one.+
Moriri wa gago o tshwana le letsomane la dipodi
Tse di fologang mo mekgokoloseng ya Gileade.+
6 Meno a gago a tshwana le letsomane la dinku
Tse di tswang go tlhapisiwa,
Tsotlhe fela e le tse di tsalang mafatlha,
E bile go se na epe ya tsone e e swetsweng ke dikwanyana.
7 Marama* a gago mo lesireng la gago
A tshwana le kapetla ya garanata.
9 Le fa go ntse jalo, a le mongwe fela ke leeba la me,+ motho wa me yo o se nang molato.
Ene fela wa ga mmaagwe.
Ke mmamoratwa* wa yo o mmelegeng.
Basetsana ba a mmona, mme ba mmolela e le yo o itumetseng;
Dikgosigadi le bagadingwana ba a mmaka.
10 ‘Mosadi yono yo o phatsimang* jaaka bosa ke mang,
Yo montle jaaka ngwedi yo o tletseng,
Yo o itshekileng jaaka lesedi la letsatsi,
Yo o jesang kgakge jaaka masole a dikologile difolaga tsa one?’”+
11 “Ke ne ke ile kwa tshingwaneng ya ditlhare tsa morama,+
Go ya go bona matlhogela kwa mokgatšheng,*
Go ya go bona gore a morara* o tlhogile,*
Gore a ditlhare tsa garanata di thuntse.
13 “Boa, boa tlhe Moshulame!
Boa, boa,
Gore re tle re go bone!”
“Goreng lo batla go bona Moshulame?”+
“O tshwana le mmino wa ditlhopha tse pedi!”*
7 “Ruri dinao tsa gago di dintle mo teng ga ditlhako* tsa gago,
Wena mosetsana yo o tlotlegang!
Tsela e dirope tsa gago di bopegileng ka yone e tshwana le mekgabisa,
Tiro ya diatla tsa modiri yo o setswerere.
2 Mohubu* wa gago o tshwana le kopi.
E kete e ka nna e na le beine.
Mpa ya gago ke mokoa wa korong,
O o dikologilweng ke malômô* a masoma.
3 Mabele a gago a tshwana le bana ba tshephe ba babedi,
Ditshetshwana tsa mafatlha.+
4 Molala+ wa gago o tshwana le tora e e dirilweng ka lonaka lwa tlou.+
Nko ya gago e tshwana le tora ya kwa Lebanona,
E e lebileng ntlheng ya Damaseko.
5 Tlhogo ya gago e ntle jaaka Thaba ya Karemele,+
E bile metshopho ya moriri*+ wa gago e tshwana le wulu e phepole.+
Kgosi e kgatlhilwe ke moriri wa gago o moleele o o lepeletseng.
6 Ruri o montle, e bile o a kgatlha,
Wena mosetsana yo o rategang go gaisa dilo tsotlhe tse di itumedisang!
7 Boleele jwa gago bo tshwana le setlhare sa mokolane,
E bile mabele a gago a tshwana le maungo a mokolane.+
8 Ke ne ka re, ‘Ke tla palama setlhare sa mokolane
Gore ke tshware dikalana tsa maungo a sone.’
E kete mabele a gago a ka nna jaaka morara* o montsi,
Mohemo wa gago wa nna jaaka lonko lo lo monate lwa diapole,
9 Le molomo* wa gago wa nna jaaka beine e e di gaisang tsotlhe.”
“E kete e ka lelemela monate mo go moratiwa wa me,
E elela monate mo melomong ya ba ba robetseng.
10 Ke wa moratiwa wa me,+
E bile o ntlhologeletswe.
11 Tla kwano tlhe wena moratiwa,
A re ye kwa masimong;
Re ye go nna kwa dimeleng tse di nkgang monate tsa hena.+
12 A re tsoge go sa le phakela mme re ye kwa masimong a morara
Gore re ye go bona gore a morara o tlhogile,*
Gore a malômô a thuntse,+
Gore a ditlhare tsa garanata di thuntse.+
Fa re le koo, ke tla go bontsha tsela e ke go ratang ka yone.+
13 Ditholwana tsa dimandereiki+ di ntsha lonko lwa tsone lo lo monate;
Fa dikgorong tsa rona go na le mefuta yotlhe ya maungo a a a gaisang otlhe.+
Wena moratiwa wa me, ke go beetse
A masha mmogo le a magologolo.
8 “E kete o ka bo o tshwana le kgaitsadiake,
Yo o antseng mabele a ga mmê!
Foo ke ne ke tla go suna,+ fa ke ne nka go fitlhela kwa ntle,
E bile ga go na ope yo o neng a tla nnyatsa.
2 Ke ne ke tla go etelela pele;
Ke ne ke tla go tlisa mo teng ga ntlo ya ga mmê,+
Ene yo o nthutileng.
Ke ne ke tla go naya beine e e tsentsweng setswaiso gore o nwe,
E leng matute a digaranata.
3 Seatla sa gagwe sa molema se ne se tla bo se le ka fa tlase ga tlhogo ya me,
E bile seatla sa gagwe sa moja se ne se tla ntlamparela.+
4 Ke a lo ikanisa, lona bomorwadia Jerusalema ka re:
Lo se ka lwa leka go tsosa kgotsa go kurusa lorato mo go nna go fitlha lone lo tsoga.”+
5 “Ke mang yono yo o tlang a tswa kwa nageng
A ikaegile ka moratiwa wa gagwe?”
“Ke ne ka go tsosa ka fa tlase ga setlhare sa diapole.
Ke gone koo mmago a neng a le mo ditlhabing tsa pelegi ka ntlha ya gago gone.
Ke gone koo mosadi yo a go tshotseng a neng a le mo ditlhabing tsa pelegi gone.
6 Mpeye jaaka letshwao mo pelong ya gago,
Jaaka letshwao mo lebogong la gago,
Gonne lorato lo nonofile jaaka loso,+
E bile lo dira gore motho a ikanyege ka pelo yotlhe mo go yo mongwe, fela jaaka Lebitla* le ngangatlela moswi.
Malakabe a lone ke molelo o o tukang, kgabo ya ga Jah.*+
Fa motho a ne a ka ntshetsa lorato khumo yotlhe ya ntlo ya gagwe,
E* ne e tla nyadiwa thata.”
8 “Re na le kgaitsadiarona yo monnye+
Yo a iseng a tswe mabele.
Re tla direla kgaitsadiarona eng
Mo letsatsing la fa a tla bo a batliwa gore a nyalwe?”
9 “Fa e le gore ke lobota,
Re tla aga lobotana lo lo thekeletsang kwa godimo lwa selefera mo go ene,
Mme fa e le gore ke lebati,
Re tla mo thiba ka polanka ya mosedara.”
10 “Nna ke lobota,
E bile mabele a me a tshwana le ditora.
Ka jalo, mo matlhong a gagwe
Ke ntse jaaka yo o nang le kagiso.
11 Solomone o ne a na le tshimo ya morara*+ kwa Baale-hamone.
O ne a laela batlhokomedi gore ba tlhokomele tshimo eo ya morara.
Mongwe le mongwe o ne a tle a tlise dishekele tsa selefera di le sekete tsa maungo a yone.
12 Ke na le tshimo ya morara.
Dishekele tsa selefera tse di sekete ke tsa gago,* wena Solomone,
E bile dishekele tse di makgolo a mabedi ke tsa ba ba tlhokomelang maungo a yone.”
13 “Wena yo o nnang mo ditshingwaneng,+
Balekane ba reetsa lentswe la gago.
Mma ke le utlwe.”+
14 “Itlhaganele moratiwa,
O bo o nne bofefo jaaka tshephe+
Kgotsa jaaka kgama e tonanyana e nnye
Mo godimo ga dithaba tsa dinkgisamonate.”
Kgotsa “Sefela se se di gaisang tsotlhe.”
Seheb., “Nkgoge ka fa morago ga gago.”
Kgotsa “umake.”
Go tewa makgarebe.
Seheb., “montsho.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “letsela la khutsafalo.”
Kgotsa “ya me.”
Kgotsa gongwe “a mantle mo gare ga metshopho ya moriri.”
Kgotsa “dirwalo tsa tlhogo.”
Seheb., “Naredo.”
Seheb., “mera.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “ntlo e kgolo.”
Kgotsa “monyelenyele.”
Kgotsa “Sethunya.”
Seheb., “mo ntlong ya beine.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “Paka ya pula.”
Kgotsa “Dithunya.”
Seheb., “Go fitlha letsatsi le hema.”
Kgotsa gongwe “mo dithabeng tse di nang le mapharo.” Kgotsa “mo dithabeng tsa Bethere.”
Seheb., “ka mera le ka lebano.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Setulo se se khurumeditsweng se se dirisediwang go tshola motho yo o nang le maemo a a kwa godimo.
Kgotsa “kgare ya dithunya kgotsa malômô.”
Kgotsa “Matlhakore a tlhogo.”
Kgotsa “dithunya.”
Seheb., “Go fitlha letsatsi le hema.”
Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “Dithaba Tse di Lebaganeng le Tsa Lebanona.”
Kgotsa gongwe “Letlalo.”
Kgotsa “tshingwana.”
Lotlhaka lo lo nkgang monate.
Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “mekgopha; lekgala; thugwe.”
Seheb., “mera.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa gongwe “Ke batlile ke idibala fa a ne a bua.”
Kgotsa “lesire.”
Kgotsa gongwe “e tshwana le masitlha a maungo a mokolane.”
Kgotsa gongwe “gaufi le dintshi tsa motswedi.”
Kgotsa “dithunya.”
Seheb., “Magalapa.”
Kgotsa “dithunya.”
Kgotsa “Motse o Montle.”
Kgotsa “Matlhakore a tlhogo.”
Seheb., “Ke yo o itshekileng.”
Seheb., “yo o lebang kwa tlase.”
Kgotsa “kwa molapong.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “o kukuntse.”
Kgotsa “ba ba ntirelang ka go rata.”
Kgotsa “mmino wa kwa Mahanaime.”
Seheb., “bompaatšhane.”
Kgotsa “Khubu.”
Kgotsa “dithunya.”
Seheb., “tlhogo.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “magalapa.”
Kgotsa “o kukuntse.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
“Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.
Kgotsa gongwe “O.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “Sekete ke sa gago.”